Tlokweng Welfare Society e abela bana
25 Apr 2023
Mokgatlho wa Tlokweng Welfare Society o abetse legae la bana la SOS ditlolo le ditlamelo tsa sesetsana tse di lopileng P15 000.
E rile a aba dimpho tseo ka Mosupologo kwa moletlong o o neng o rotloeditswe ke ba lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso, mo lekalaneng la Information Communication Technology and Media Service, mokwaledi wa Tlokweng Welfare Society, Dr Fazlur Moorad a tlhalosa fa mowa wa go aba e le selo se Modimo a se tlhodileng, ka jalo go le botlhokwa gore ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane mo botshelong.
Dr Moorad o tlhalositse gape fa mokgatlho wa bone e le o o thusang ba ba kobo dikhutshwane khutlong tsotlhe tsa Botswana.
O kaile fa ba kgonne go atlega mo mokgatlhong ka go dira le ba bangwe jaaka ba Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso, ba ba neng ba seka ba ipona tsapa mme ba tla go kopa dithuso tse di dirang pharologanyo mo matshelong a bana ba SOS.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la Thuto le Tlhabololo Dikitso mo lekalaneng la kgaso ya dikole Rre Taolo Tsimanyana o lebogile mokgatlo o wa Tlokweng Welfare Society, mme a kaya fa ba supa gore bana ba na le batsadi ba ka seke ba wele mo isong.
O supile gape fa se se supa gore Batswana ke setshaba se se kutlwelobotlhoko.
Rre Tsimanyana a re e rile go bona botlhoki mo legaeng la bana, ba rwala ditlhako ba ya go kopa thuso kwa go Dr Moorad mme ba itumetse thata ka maduo a bonetse.
O kaile gape gore tshwaragano e, e supa fa Batswana ba ka ya golo gongwe mo botshelong ka go thusa ba ba kobo di khutshwane.
Mogolwane wa SOS, Rre Kabelo Tshimologo o kaile fa legae la bana la SOS le na le dingwaga di le masome a mararo le bosupa mo Botswana, mme ba itumelela tirisanyo mmogo le dithuso tse Batswana ba tsweletseng ka go di fa bana ba bone.
O supile fa ba lekgotla la SOS International, ba ba ntseng ba ba thusa ba fokoditse dithuso, ka jalo ba tlhoka thuso mo setshabeng ka kakaretso.
Rre Tshimologo o galaleditse lekgotla la bo Dr Moorad, mme a kaya fa ba na le kutlwelobotlhoko e bile dimpho di tlaa thusa bana ba le lekgolo, lesoeme le bosupa ba ba nnang le bone.
O tlhalositse fa ba sa tlhokomele bana ba ba nnang kwa SOS fela, mme go na le ba bangwe ba le makgolo a supa, masome a matlhano le bone ba ba tlhokomelwang kwa malwapeng a bone.
O kopile setshaba go tswelela ka mowa o montle wa go aba.
E rile a leboga, mothusa kgosi wa Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone a kaya fa a itumeletse dimpho, mme gape a leboga bopelotlhomogi jwa boora Moorad, jo ba saleng ba nna le jone go tswa bogologolo.
O supile gore Dr Moorad o tsere mowa o montle wa batsadi ba gagwe, ba ba nnileng le karolo mo ditlhabololo tsa Tlokweng, mme a kopa batho ba bangwe go tswelela ba thusa legae la bana la SOS. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : TLOKWENG
Event : Kabo dimpho
Date : 25 Apr 2023