Breaking News

Kgaolo ya Tsabong e tlhaelelwa ke motlakase

24 Apr 2023

Modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Hendrick Jacobs a re go kgaoga ga motlakase kgapetsakgapetsa kwa kgolong eo go busetsa ditlhabololo kwa morago.

Fa a rolela banni khansele e ntsha ya Tsabong bosheng, Rre Jacobs o tlhalositse fa kgaolo e tsaya motlakase kwa Afrika Borwa.

A re seemo seo, se a tshwenya mme go tsweletswe ka go batla tharabololo e bile ba setse ba kile ba kopana le tona yo o maleba go e mo lebisa

O solofeditse banni fa tona wa lephata la Ditswammung le Kgotetso, Rre Lefhoko Moagi a tlaa etela kgaolo mo bogaufing, go tla go lekodisa morafe ka seemo sa motlakase mme a ba kopa go nona pelo ka mathe ba nne ba letile ka tsholofelo gore seemo se tlaa rarabologa.

Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks le ene o supile fa botona ba maphata a a maleba ba kopilwe go lekodisa banni ka seemo sa motlakase mo kgaolong.

A re go na le bagwebi bangwe ba ba supileng kgatlhego ya go aga mafaratlhatlha a a tlaa fetlhang motlakase a dirisa marang a letsatsi mme go solofelwa gore ba tlaa tsena mo dipusanyong le lephata le le maleba go diragatsa seo.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa pele wa kgaolo, Rre John Toto ene o ngongoregetse gore go tsere lebaka le le leele go tsewa motlakase kwa Afrika Borwa

A re seemo seo se tshwanetse go baakanngwa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 24 Apr 2023