Thuto ka kgwebo e botlhokwa mo dikoleng Rakgare
24 Apr 2023
Tona wa Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare a re go botlhokwa go ruta bana ka tsa kgwebo ba sale babotlana gore ba itse methale ya go itshetsa fa ba gola.
Rre Rakgare o buile jaana kwa Mogoditshane bosheng kwa thuto puisanyong e e neng rulagantswe ke mokgatlho o o itebagantseng le go fatlhosa dikgwebo tsa bomme tse dipotlana wa Accelerating Women Owned Micro Enterprises (AWOME).
A re puso e itlamile go itebaganya le dikgang tsotlhe tsa go tlhabolola matshelo a Batswana.
“Fela jaaka re dira thuto ya dipalo le maranyane mo dikoleng re tshwanetse ra bona gore thuto ya tsa kgwebo le yone e simolodisiwe mo dikoleng tse dibotlana,” ga bua jalo Rre Rakgare.
O boletse fa gantsi ngwana a kopana le dithuto tsa kgwebo a setse a le kwa dikoleng tse dikgolwane mme a re go di simolodisa kwa go tse dipotlana ke tsela ya go ruta bana go itshetsa le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe.
Fa a buisa dialogane di feta masome a marataro, Rre Rakgare a re o itumelela go bona bomme ba aloga mo go tsa kgwebo ka seo se tlaa ba thusa go nna bagwebi ba mmakgonthe.
O ne a tswelela a tlhalosa fa gape a itumelela go bo ba tlhophile Mogoditshane ka mabaka a gore palo ya batho e godile mo kgaolong mme se se raya gore bagwebi, segolo bogolo ba bomme, ba ka nna le sebaka sa go gola.
Rre Rakgare o ne a rotloetsa bomme go tshwara ka natla mo kgwebong ka jaana e le bone ba ba tshegeditseng malwapa ka bontsi.
“Mmê ke thari ya setshaba.”
O ne a tlhalosa gape gore bomme ba bagwebi ba na le karolo mo go tlhabololeng le go godisa itsholelo ka jaana ba na le bokgoni jwa go tlhama mebereko, mme ka go dira jalo ba kgone go ntsha ba bangwe mo lehumeng.
“Puso e tsweletse ka go fokotsa dithoto tse di rekwang kwa ntle e le maiteko a go bula le go atolosa mebaraka mono gae, ka jalo bagwebi ke le gwetlha gore le le aramele le santse le tlhabile ka jaana re sa itse gore la kamoso le re tsholetseng,” ga bua jalo Rre Rakgare.
O ne a gwetlha dialogane go tsaya maele a go atolosa dikgwebo ka jaana metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka balati fela.
Tona o ne a wetsa ka go kopa bagwebi go tshwaragana mo go godiseng dikgwebo tsa bone, a re tirisanyo mmogo ke konokono mo metlhaleng ya go fetlha khumo.
Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa AWOME, Mme Lydia Mafhoko-Ditsa o boletse fa mokgatlho wa bone o remeletse mo go thuseng bagwebi ba bomme ka go ba golaganya le bangwe le go ba tlhatlhelela botsipa jwa go tokafatsa dikgwebo.
Mme Mafhoko-Ditsa o supile fa a eletsa go bona bomme ba tsena mo dikgwebong ka dipalo tse di kwa godimo go leka go tokafatsa itsholelo ya malapa a bone le ya lefatshe.
A re o motlotlo go bona bomme ba tsweletse sentle mo dikgwebong morago ga go thusiwa ke AWOME.
“Re tlaa tswelela re thusa bomme le ba ba kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo gore le bone ba nne le seabe mo go tsoseng itsholelo ya lefatshe,” ga bua Mme Mafhoko-Ditsa.
Mongwe wa dialogane tsa AWOME, Mme Pelonomi Lesedi a re thuto mo go tsa thekiso e botlhokwa mo bagwebing ba ba botlana ka ba kopana le dikgwetlho mo go simolodiseng kgotsa go godisa dikgwebo.
O ne a rotloetsa ba-na-le seabe ba bangwe go ba ema nokeng mo go atlegiseng dikgwebo tsa bone. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOGODITSHANE
Event : Thuto puisanyo
Date : 24 Apr 2023