Breaking News

Kokelo e tlaa agwa mo Tsabong

24 Apr 2023

Kokelo e ntsha se tlaa agwa mo Tsabong mo ngwageng ono wa madi wa 2023/2024.

Kokelo eo se tlaa nna le malao a le masome a matlhano mme  malao mo kgaolong eo jaanong a oketsege a nne masome a roba bobedi fa go kopanngwa le a kokelo e e ntseng e le teng.

Modulasetilo wa khansele ya Tsabong, Rre Hendrick Jacobs o buile jaana a rolela banni ba Tsabong ka khansele e e sa tswang go tlhongwa bosheng kwa kgotleng ya motse oo.

O ne a supa fa ditlhabololo di tsweletse sentle mo kgaolong eo mme ditiro tse dingwe tse di tlaa dirwang mo ngwageng ono wa madi di akaretsa kgotla ya Tsabong e e tlaa tlhabololwang ka P1.6 million.

Rre Jacobs o ne a tlhalosa fa batlhoki ba tlaa agelwa matlo a le lesome mme ntlo nngwe le nngwe e tlaa agwa ka P100 000, ka jalo a kopa banana ba kgaolo eo le beng ba dikonteraka go ema ka dinao go tsenya ikopelo fa nako ya go bulwa ga dikopo e goroga.

A re matlhabelo a leruo le diphologolo a a agwang ka P161 million a solofelwa go wediwa kgwedi eno gore barui ba simolole go rekisa leruo la bone mme seo se tlaa ba solegela molemo ka go ba fokoletsa go tsamaya mesepele e meleele go ya go rekisa.

Modulasetilo wa khansele ya Tsabong o ne gape a tlhalosa gore go tlaa agelelwa lefelo la itloso bodutu ka terata ka P175 000 kwa go tlaa tshwarelwang meletlo teng.

O boleletse morafe gore go tlaa dirwa tsela go tswa kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla go ya kwa tseleng e kgolwane ka P2.2 million mme a kopa gore beng ba dikonteraka fa ba abelwa ditiro tseo ba ititeye ka thupana ba ntshe maduo.

Mokhanselara Jacobs a re matlo a le marataro a badirelapuso mo Tsabong a tlaa agelelwa ka terata mme tiro e e tlaa lopang P180 000.

Go tlaa okediwa matlo a lephata la ditimamolelo ka P1.7 million.

A re kwa Werda  go tlaa okediwa matlwana a borutelo kwa sekoleng sa Sam Mackenzie ka P2 million.

A re go tlaa agelelwa lefelo la matlakala mo motsing oo mme a kgalema bogodu jwa terata a re go utswiwa ga terata eo go busetsa puso kwa morago.

A re go tlaa tsenngwa dipone tsa marang a letsatsi mo mebileng kwa Middlepits, a supa fa di setse di tsentswe kwa Gakhibane, Khuis, Middlepits, Bogogobo, le Kolonkwaneng mme di thusa go fokotsa borukutlhi.

Gape a re go tlhabololwa ga diofisi tsa puso (service centres) kwa Werda le Middlepits go tsweletse sentle ka mo ngwageng ono wa madi go tlaa dirisiwa P 1.6 million go tlhabolola lefelo leo kwa Middlepits.

Kwa Struizendam gone go tlaa dirwa tsela ka P300 000, go bo go agwa matlo a batlhoki a le matlhano.

Gape go tlaa agwa ntlwana ya borutelo jwa tsa maranyane kwa sekoleng, fa kwa Khawa go tlaa agwa matlo a batlhoki a le mane ka P400 000.

Gape go tlaa agwa ofisi ya sepodisi e potlana e e nang le matlo a babereki a supa.

A re kwa Bokspits go tlaa agwa lefelo la bojanala fa sekhutlaneng sa Bokspits go dirwa sefikantswe mme e bile ba Botswana Tourism Organisation ba ntshitse P2 million go aga lefelo leo go ngoka bajanala.

O boleletse banni gore e nngwe tiro ke go aga lefelo la metshameko le le tsweletseng, a supa gore le diilwe ke beng ba dikonteraka ka go gotlhagotlhana ba ngongorega mme a kopa gore tiro eo e wediwe ka e saletse kwa morago thata.

Rre Jacobs o tlhalositse gore ga go sa tlhole go na le khansele ya Kgalagadi ka jaanong khansele- potlana ya Tsabong e sa tlhole e kopane le khansele-potlana ya Hukuntsi.

Dikhansele tseo di tlhatlositswe maemo jaanong di ikemetse go itseela ditswetso, e le maiteko a puso a go tokafatsa go isa ditirelo kwa Batswaneng.

O tlhaloseditse morafe gore go botlhokwa go dira dilo sesha, gore dilo tse di neng di pala mo nakong e e fetileng di kgonege ka go dirisa methale e mesha gore khansele eo e golele pele.

A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ntshitse tiragatso ya tlhomo-ntsha, ka jalo go botlhokwa gore batho ba fetole ka fa ba akanyang ka teng mme ba dirise menyetla e e teng go tokafatsa matshelo a bone.

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi David Toto II a lebogela ditlhabololo, tseo a tlatsa ka go re phetogo eo ke kgatelopele ya go tsisa ditlhabololo mo kgaolong ya Tsabong.

Kgosi o ne a gakolola gore go botlhokwa gore morafe le badirelapuso ba tswelele ba tshwaragane ba dirisanya sentle ka go tlotlana le go emana nokeng go tsisa ditlhabololo.

O ne a kopa gore go dirwe ditsela fa gare ga motse wa Tsabong, a tlatsa ka go re tsela ya Tsabong e tshesanyane mme e tlhoka go atolosiwa gore dikoloi tse di nnye le tse dikgolwane di kgone go fapaana di phuthologile.

 Gape o ne a leboga badirelapuso le bogogi jwa sepolotiki ka go direla kgaolo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 24 Apr 2023