O tlhabilwe ka sengwe se se bogale
23 Apr 2023
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano, wa Metsibotlhoko, a tlhokafetseng morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale.
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Amos Kekgathetse, a re tiragalo eo e diragetse Moranang a le lesome le borobabongwe, ka makuku a naka tsa kgomo (01:50a.m).
Superintendent Kekgathetse a re ba begetswe fa moswi a ne a latetse mmelaelwa kwa lwapeng la gagwe, a mo supa ka monwana a re o mo tseela kgarebe.
A re go boletswe fa e rile ba ntse ba gogagogana, moswi a betsa mmelaelwa ka sengwe se se bogale mo tlhogong, mme mmelaelwa a mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo mpeng.
A re bobedi joo bo ne jwa ragosediwa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng kwa moswi a fetileng a felela teng, fa mmelaelwa a ne a ragosediwa kwa Scottish Livingstone kwa Molepolole ka dikgobalo tse di masisi.
Superintendent Kekgathetse a re kgarebe e e neng e lwelwa e ne ya le botsa phokoje.
O boletse fa mmelaelwa a sidilega kwa kokelong, fa mmele wa moswi o le kwa setsidifatsing sa Scottish Livingstone.
Mo go tse dingwe, mogolwane wa mapodisi o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone banna ba le bane ba bolaileng tonkana ya morui mongwe mme ba e eja kwa masimong a Matshajwe.Supt Kekgathetse o tlhaolositse fa ba begetswe tiragalo eo kgwedi eno e le masome a mabedi ka nako ya bobedi maitseboa.
O kopile Batswana go tlotla tonki jaaka leruo le lengwe, a supa fa tonki e le dithoto tsa mong wa tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : METSIBOTLHOKO
Event : POTSOLOTSO
Date : 23 Apr 2023