Breaking News

Kokelwana ya Kalamare e tlaa atolosiwa

23 Apr 2023

Katoloso ya kokelwana ya Kalamare e e neng e diilwe ke go tlhoka go gololwa ga thendara ka nako e tlaa simolola mo nakong e khutshwane.

Madi a go tlhabolola kokelwana e, a dule mme go setse fela gore kopo e abelwe konteraka go ka simolola tiro.

Dingwe tse di solofetsweng mo go atolosiweng ga kokelwana e, ke kamore e e belegisetsang, ofisi ya ngaka, dikamore tse tharo tse di lekodisetsang balwetse le kamore e balwetse ba ba gateletsweng ba tlaa robatswang mo go yone fa ba emetse thuso.

Mopalamente wa Shoshong Rre Aubrey Lesaso o buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Kalamare a lekodisa morafe mabapi le ditlhabololo tse kgaolo ya bone e neng e di solofeditswe.

O tlhalositse fa kokelwana e, e tlaa nna ya boleng jo bo kwa godimo e bile tsholofelo e le go tla go thusa banni ba kgaolo ya gagwe go menagane.

 Mopalamente o supile fa tiro e nngwe e e neng e solofetswe ya go baakanngwa ga ditsela e ka seke e kgonagale ka lebaka la letlhoko la madi.

O tlhalositse fa motse wa Kalamare o tlaa bona tsela ya lekgarapa fela, ka madi a ditlhabololo tsa kgaola a le mannye go ka lekana kgaolo yotlhe.

Mopalamente o supile fa go tlaa baakanngwa ditanka tse di dutlang gore di kgone go phatlalatsa metsi sentle a selekanyo se se tlhokegang ka banni ba tswa kgakala ba lela ka lenyora.

Rre Lesaso a re go tlaa tsenngwa sekontere kwa tseleng e e tswang Dibete e ralala Mokgenene go ya Otse.

O ne a tlatsa ka go supa fa pego ya kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente e dule mme a supa fa kgaolo ya Shoshong e sa fetolwa maina e bile e sa okediwa mme a itsese banni fa dikgaolo tsa botlhophi di okeditswe go tswa kwa go masome a matlhano le bosupa go ya ko go masome a marataro le bongwe.

O boletse fa go dirilwe komiti e e tlaa tsamayang e buisana le morafe ka go kgaoganya dikgaolo tsa botlhophi tsa khansele mme a tlhalosa fa e santse e le mo ithutuntshong.

Banni ba ne ba akgola mopalamente mabapi le ditlhabololo tse ba di solofetseng mme ba supa ngongorego mabapi le nako e e tsewang gore ditiro tseo di fele. 

Ba supile fa kago ya kokelwana e na le lebaka ba e solofeditswe mme e ise e simololwe le ntswa go twe e ntsheditswe madi.

Ba ne ba ngongorega gape ka kago e e sa feleng ya matlo a boroko jwa bana kwa sekolong se segolwane sa Kalamare mme madi a ntshitswe gore tiro e dirwe.

Banni ba boletse fa ba tshwenngwa ke ditshipi tsa metsi tse di thubegang mme di tsaya lebaka go baakanngwa.

Ba re metsi a a tletseng mo motseng a ba okela dikgomo tse di ba robelang dipompo, selo se se bakang gore ba duele madi a mantsi a metsi a ba sa a dirisang.

Ba kopile gore ba kompone ya metsi ba tsibogele seemo se.

Ba ne ba supa ngongorego ka lebaka le le tsewang go duela baikopedi ba ba isetsang bana dijo kwa dikoleng ba re ba duelwa morago ga lebaka mme ba tshwanelwa ke go reka gape go isetsa bana dijo.

O tlhalositse fa kago ya matlo a boroko jwa bana e tlaa fela ka  konteraka e kgonne go neelwa madi go tswelela le tiro.

Mopalamente o boletse fa a tlaa bua le ba kompone ya metsi go baakanya ditshipi tsa bone le go tla pitsong ka nako fa morafe o ikuela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Gaone Fati

Location : KALAMARI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 23 Apr 2023