Breaking News

Banni ba Tobela ba kopela bana sepalamo

23 Apr 2023

Banni ba Tobela ba kopile go thusiwa ka sepalamo se se isang bana sekoleng ka ba tsena sekole kwa Shoshong mme batsadi  ba sa kgone go ba pega.

Metse e, e katologane mo bana ba tsamayang  sekgala sa dikhilomithara tse di masome mabedi go ya sekolong.

Kgosi Mogakolodi Badirile wa Tobela o ntshitse kopo e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong e bile e le mothusa tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Aubrey Lesaso bosheng.

O tlhalositse fa letlhoko la sepalamo le dira gore palo ya bana ba ba tsenang sekole e nne kwa tlase ka bontsi jwa batsadi  ba sa kgone go pega bana malatsi otlhe.

Kgosi o kopile gore bogolo ba agelwe matlwana a borutelo a a ka tsenyang bana ba lekwalo la ntlha go ema ka la bone.

O ne a lebogela gore ba bo ba tsiseditswe kokelo mme a kopa gore ba neelwe mooki yo mongwe ka gore yo o teng ga a sa tlhole a theogela.

Kgosi o kopile gape gore mola wa metsi o phatlaladiwe ka motse o godile.

Banni ba Tobela bone ba re bontsi jwa bone ba bereka Ipelegeng ka motse wa bone o sena ditlhabololo tse di kalo, mme ba supa fa dikatso tse ba di fiwang di sa lekane matlhoko a bone.

Ba re go emela dikoloi kwa tseleng go borai mo baneng.

Ba bile ba ngongorega mabapi le metsi a a letswai a ba a sielwang ke kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa go gokela metsi le ntswa a sa siamela botsogo jwa bone.

Ba ne ba lela ka letlhoko la metsi ba re ga ba na kwa ba nosang leruo teng ntswa e le lone ba itshetsang ka lone.

Fa a tsibogela matshwenyego a banni, mopalamente Rre Lesaso o tlhalositse gore ba tlaa leka ka bojotlhe go batlela bana sepalamo ka go tlhoka go tsena sekole sentle go ama bokamoso jwa bone.

Rre Lesaso o supile fa kompone ya metsi e tshwanetse go tsisa karabo ya boleng jwa metsi a a tshwanetseng go nowa ke batho.

A re go duela selo se se senang boleng go botlhoko, a bo a solofetsa banni gore ditlhabololo di tlaa goroga ntswa di tsaya lebaka.

Fa a akgela mo kopong ya kago ya sekole o tlhalositse fa go ya ka molao sekole se agwa fa go nang le bana ba le makgolo mabedi le masome a mane go ya kwa godimo mme dipalo tsa bana ba ba tsenang kwa Shoshong di kwa tlase thata go ka agelwa sekole.

O solofeditse banni go fetisa kopo ya bone ya sekole ka bana ba bolawa ke serame le dipula, ba tsamaya sekgala se seleele mo go dirang gore ba goroge ba lapile ba bo ba sa ithute sentle.

Mopalamente o solofeditse banni gore ba tlaa bewa ditsha di le masome a a ferang bongwe le bone ngwaga ono di tlatsa tse di beilweng ngwaga o o fetileng tse di lekgolo le masome a mabedi.

A re o dumela gore go diras jalo go tlaa godisa motse wa Tobela o bo o tsisetswa ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TOBELA

Event : phuthego ya kgotla

Date : 23 Apr 2023