Ba Mosetse ba gakololwa gore ba seka ba ikaega ka Ipelegeng
23 Apr 2023
Batswana ba kopilwe go tlogela go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng mme ba inaakanye le mananeo a puso e a ntshitseng go lwantsha lehuma a dipoelo tsa sennela ruri.
Mananeo a puso a tshwana le la Nyeletso Lehuma a supilwe a ka tlhabolola matshelo a bone le go tokafatsa seemo sa itsholelo.
Modulasetilo wa khansele ya Tutume, e bile e le mokhanselara wa Dukwi, Rre Thatayaone Kehitile, o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Mosetse ka Labone.
Rre Kehitile a re madi a Ipelegeng ke dikatso fela tse go ka se keng go ikaegwe ka tsone, ka jalo a ba rotloetsa go nna pelotelele fa ba ikopela mananeo ka go bona thuso go tsaya lebaka.
O ne a bolela fa tiriso ya tuelo ka chekee emesiwa fa ngwaga ono o ya fifing, ka jalo a kopa badiri ba Ipelegeng go dira karata ya Orange Money gore ba kgone go tsenyediwa madi a bone mo go yone.
Modulasetilo o ne a kgala boitseme mo tirong jo bo dirwang ke badiri bao, a re tema ya bone ga e bonale e eme golo go le gongwe.
Rre Kehitile a re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC) ga di a tshwanela go baya fela mo pusong go di neela ditlamelo.
A re di tshwanetse go tla ka methale le mananeo mangwe a go dira madi, gape di leke go tlhabolola matlo a tsone go a baya mo seemong sa segompieno go ngoka bahirisi.
A re Botswana o agetswe mo motheong wa therisanyo, mme seo ga se a tshwanela go fetoga, ka jalo baeteledipele ba tshwanetse go lekodisanya le morafe go isa lefatshe pele.
O ne a rotloetsa batho go nonotsha tirisanyo mmogo ya bone le bodiredi, go thusana ka megopolo go netefatsa gore ditirelo di ntshiwa ka fa tshwanelong.
Modulasetilo o ne a tlhalosa fa go tlhatlosiwa maemo ga kgaolo- potlana ya Tutume go ba solegetse molemo ka go thusitse go atumetsa ditirelo gaufi le batho.
A re seo gape se ba fokoleditse ditshenyegelo tsa go tsaya mesepele e meleele go ya Serowe.
O ne a supa matshwenyego ka kgang ya go gogagogana ga beng ba dikonteraka morago ga go abelwa ditiro, a re seo se dia ditiro.
A re kgang ya go latlhelelwa tiro kana go phuaganngwa ga ditiro ke beng ba dikontereka, ke nngwe ya dilo tse di diang tswelelopele ya ditlhabololo, ka jalo a kopa batsadi go bua le bana ba bone ba ba neetsweng ditiro go dira ka nako le botswerere.
Rre Kehitile o boletse fa mananeo mangwe a ditlhabololo a tshwana le la go tlhatlhosiwa ga kokelwana ya motse, a tlaa dirwa ka lenaneo la Transitional National Development Plan.
Banni ba ne ba lela ka tiego ya go duela babereki ba Ipelegeng, ba re go tsaya nako go bona dikatso tsa bone.
Ba ne ba lebogela puso go rekegela dilelo tsa bone ka go tlhatlosa kgaolo-potlana ya Tutume maemo.
Ba re ba ntse ba kokonelwa ke mosepele wa go ya go dira dingwe kwa Serowe.
Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Tutume, Rre Milton Keitshokile a re tiego ya go duela babereki ba Ipelegeng e bakwa ke bonya jwa maranyane.
A re ba leka ka bojotlhe go baakanya seemo seo.
Rre Keitshokile a re lenaneo la Ipelegeng le tlhabolotswe go nonotsha dikitso tsa babereki ba lone.
A re ka thulaganyo e ntsha ba abelwa ditlankana tse ka tsone ba ka kgonang go iteka lesego mo ditirong tsa diatla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MOSETSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Apr 2023