Mokgatlho o rotloetsa go tlotlwa ga nyalo
23 Apr 2023
Setshaba se kgothaditswe go neela lenyalo tlotla e e le tshwanetseng.
Mosimolodi wa mokgatlho wa Dingwetsi mo Botswana, Mme Grace Silver, yo o neng a bua le dikgosi le merafe ya kgaolo ya Letlhakeng bosheng, a re lenyalo le tlhodilwe ke Modimo, mme bobedi bo jo bo nyalanang, bo tshwanetse go le fa tlotla e Modimo ka sebele a e le nayang.
A re ledula mo lwapeng le dirwa ke batho ba ratana, e bile ba tlotlana, ka go ikgapha mo bosuleng.
Mme Silver a re mokgatho o tlhametswe go busetsa serodumo sa lenyalo ka go leka go baakanya tse di leswafatsang lenyalo.
A re mokgatlho wa bone o ila tlhalo, a tlatsa ka go re lenyalo ga se teko e motho a tsenang mo go yone a bo a tswa, mme ke selo sa sennela ruri, go fitlhelela bobedi joo bo kgaoganngwa ke Modimo yo o ba kopantseng.
A re bangwe ba kgona go dira dilo tse di duleng mo tseleng, jaaka bonyatsi, a re seo ke sone se rotloetsang tshotlako ya lenyalo.
Mme Silver O ne a kgalemelela borre bonyatsi, a re ba tsee boikarabelo jwa go nna ditlhogo tsa malwapa a bone.
Mme Silver a re banyalani ba tshwanetse go tshela ka kagiso le lorato go tila dikgang tsa kgokgontsho mo lenyalong.
E rile ba mo kgwa dikgaba, ba supa fa mokgatlho o tsile ka nako e e maleba, ka jaana lenyalo le sotlwa ke batho ba ba tsenetseng mo go lona go keta.
Mme Neo Marang-Supang o ne a gakolola morafe gore le fa gantsi go buiwa ka kgokgontsho ya bomme, borre le bone ba a kgokgontshiwa.
A re o sale a ratile lenyalo go tswa bonyaneng.
Mme Supang, yo o tsenyeng mmabontle wa Mrs Botswana, a re mokgatlho wa dingwetsi o ikaegile ka lefoko la Modimo, ke ka moo ba eletsang go bona lenyalo le nna le seriti.
Rre Mohibidu Nkwane ene o ne a re go eteletsa Modimo kwa pele mo lenyalong ke yone tsela ya go fenya mmaba wa lone.
O ne gape a re o tshwenngwa ke gore borre ga ba kgone go ipuelela, ntswa ba kgokgontshiwa ka go itewa le go tingwa dikobo.
Rre Dikakanyo Gaoswediwe ene o ne a re bonyatsi bo borai ka bo felela bo baka dipolaano, fa Rre Lebopelo Radimpa a kopile borre go simolola mokgatlho wa bone ka ba na le seabe mo dikgannyeng tse di digang seriti sa lenyalo.
Rre Radimpa a re borre bangwe ga ba tlotle malwapa a bone, mme seo se bake tlhakatlhakano le dikgoberego.
O kopile borre go emisa go nna le dinyatsi, a re seo se ba bakela go nyatsega mo setshabeng.
E ne e rile go le pele, Kgosi Tumelo Puleng a amogela morafe, a supa fa mokgatlho wa dingwetsi o dira tiro e ntle ka jaana lenyalo le lebaganywe ke dikgwetlho.
A re go tswa goo-Lowe, ngwetsi le matsale ga ba ke ba utlwana, mme ke Modimo fela a ka ba kgontshang go dira mmogo.
Mokgatlho wa dingwetsi o simolotswe ka 2010, wa kwadisiwa semmuso ka 2015.
O na le maloko a le dikete di le tlhano mo Botswana.
O setse o na le makala kwa Lesotho le Zambia, mme wa re o ikaelela go bula le lengwe kwa Afrika Borwa mo bogaufing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 23 Apr 2023