Puso e ikaegile ka therisanyo - Shamukuni
20 Apr 2023
Tona wa tsa Molao Rre Machana Shamukuni a re puso e tlhomile kwa pele maikaelelo a go atumetsa ditirelo kwa setshabeng.
Tona Shamukuni o buile se, jaaka a ne a etetse metse ya New Xade le Metsiamanong.
A re lephata la gagwe le tlaa simolodisa lekalana la Legal AID mo ngwageng ono wa madi.
A re lekalana leo, gammogo le a mangwe a bosekisi a tlaa thusa banni ba dikgaolo go tlhaloganya dikgang tsa molao.
Mo go tse dingwe banni ba New Xade ba kopile tona wa lephata la molao, go ba kopela Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, go tshereganya mo kgannyeng ya tiego ya phitlho ya ga Rre Pitseng Gaoberekwe.
Moswi Gaoberekwe(71) o tlhokafetse ka ngwaga wa 2021, mme setopo sa gagwe se santse se tshegeditswe mo setsidifatsing kwa Ghanzi, morago ga gore ba lelwapa la gagwe ba ipelaetse fa a na le tshwanelo ya go fitlhwa kwa motseng wa Metsiamanong, o o mo lefelong la diphologolo, la Central Kalahari Game Reserve(CKGR) ba re ke kwa a tlholegang teng.
Kgang e, e ne ya feta ka makgotla a ditsheko, mme mo legatong la bofelo, lekgotla la ditsheko la boikuelo, le ne la ntsha taolo ya gore a fitlhelwe kwa New Xade, mo lebakeng la malatsi a le lesome le borataro ka jaana e le monni wa motse oo.
Lebaka leo, le setse le fetile fa setopo se santse se tshegedistwe mo setsidifatsing kwa Ghanzi.
Kopo eo, e dirilwe ke mokhanselara wa New Xade Rre Jumanta Gakelebone, yo o neng a gatelela fa dikgang tsa ditshwanelo tsa setho di batla go tshwara ka matsetseleko go dibela serodumo sa lefatshe la Botswana.
Rre Gakelebone a re ba bete se molangwana, ka fa tsamaisong ya ditshwanelo tsa batho segolo bogolo tsa batho ba letso la Sesarwa. Rre Gakelebone a re go le gantsi o fitlhela ditshwanelo tsa bone di gatakiwa mme a gwetlha puso go tsenya leitlho seemo seo, gore ope a seka a kgethololwa ka letso, mme go rotloediwe tekatekanyo.
O ne a tlatsa ka gore sebopego sa kgang ya ga moswi Gaoberekwe, ga se itumedise ka jaana, go na le kgonagalo ya go baya lefatshe leno ka fa mosing, mo makgotleng a mangwe a lebeletseng dikgang di tshwana le tlotlo molao le kobamelo ditshwanelo tsa setho.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Lobatse Beslag, o ne a kopa gore lephata la molao le tshwaragane le maphata a mangwe a puso, ba bolotse letsholo ba ba atumetse ditirelo di tshwana le dithuto tse di amang melao ya ditshwanelo tsa batho le e mengwe e tsamaisang lefatshe.
A re go le gantsi ditshwanelo tsa batho di a gatakiwa ka ntlha ya botlhoka kitso, mme a re dithuto tsa molao di tlaa ba nonotsha go nna mo tshiamelong.
Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Shamukuni o ne a itsise bogogi jwa motse wa New Xade fa a tlaa fetisetsa kopo ya bone kwa ofising ya ga Tautona.
O ne a gatelela fa puso ya lefatshe leno, e le ya morero ebile e ikaegile ka molao motheo, gammogo le gone go tlotla ditshwanelo tsa batho.
Rre Shamukuni o ne a tlhalosa fa goromente a sena maikaelelo a go gataka ditshwanelo tsa batho mme a rotloetsa tekatekanyo ya botlhe. A re loeto lwa gagwe mo metseng eo, ke mabapi le go iponela le go itseela ka tsebe ka fa banni ba metse e mo mafelong a diphologolo ba tshelang ka teng.
A re go kanoka diemo tsa matshelo a bone go fa lephata tshono ya go bona ditlhaelo mme morago ba dire ditogamaano tsa ditlhabololo tse di tsamaelanang le matlhoki a tikologo eo, go leka go fokotsa dikgotlhang.
Mo go tse dingwe, o ne a rotloetsa bogogi go ithuta ka dikgang tse di amang ditshwanelo tsa batho le gone go fitisetsa thuto eo, kwa setshabeng ka kakaretso.
Mo mafokong a gagwe a malebo, mothusa modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Gabriel Nguahoka, o ne a lebogela loeto lwa ga tona, a supa fa se, se tlaa thusa lephata le tshwaragane le a mangwe go loga ditogamaano tse di maleba tse di tsamaelanang le seemo sa matlhoki a kgaolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : NEW XADE
Event : Kgotla meeting
Date : 20 Apr 2023