MapokaNlapkhwane e tlaa tlhopha mokhanselara
19 Apr 2023
Ditlhopho tsa poeletso tsa kgaolwana ya Mapoka/Nlapkhwane kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima di tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe.
Go tlhomamisitse jalo mogolwane go tswa mo ofising ya ditlhopho ya Masunga, Rre Seikaneng Kgafela mo potsolotsong ka Labobedi.
O boletse fa bontlhopheng ba le bararo ba sa tswa go kwadisa maina a bone mo ikwadisong e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng se segolwane sa Batanani kwa Mapoka, kgwedi eno e le malatsi mararo.
A re bontlhopheng ba ba tlaa iteisanyang borathana ke Rre Nthomamisi Ndaba wa Botswana Congress Party( BCP), Thomas Chabalala wa Botswana Democratic Party (BDP) le Nabulani Lenyatso a emetse Umbrella for Democratic Change (UDC).Rre Kgafela a re ikwadiso eo, e tsamaile ka thelelo ntle le makgwere ape.
Ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana eo, e e akaretsang metse ya Mapoka, Nlapkhwane le Kgari di tlaa jaana morago ga go tlhokafala ga mokhanselara wa yone Rre Farayi Bonyongo ka kgwedi ya Tlhakole monongwaga.
Rre Kgafela o tlhalositse fa ofisi ya gagwe e le malala a laotswe go diragatsa tsotlhe tse di tlhokafalang ka letsatsi la ditlhopho.
A re ba setse ba simolotse mme e bile ba tsweletse ka go rutuntsha le go abelana megopolo le botlhe ba ba tlaa bong ba na le seabe mo ditlhophong tseo, ba ba akaretsang batsamaisi, batlhophisi, ba ba tlaa bong ba bala ka letsatsi la ditlhopho le ba- na -le seabe ba bangwe fela jalo.
Mo godimo ga moo, a re ofisi ya gagwe e semeletse ka go direla batlhophi meriti ya dikarata tsa tlhopho, tse di neng di dirisiwa mo ditlhophong tsa 2019, a re seo se tlaa tswelela go fitlha kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabobedi ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bone.
Ka jalo banni ba metse eo, ba tlhaloganye gore ga gona go dirwa meriti ya dikarata tsa tlhopho ka letsatsi la ditlhopho, a bo a ba gwetlha go ya go tlhopha ka dipalo tse di nametsang, e le tsela ya go diragatsa tshwanelo ya go itlhophela moemedi wa bone kwa khanseleng.
Ka ditlhopho tsa 2019, go ne go ikwadisitse batlhophi ba le 1 798 kwa kgaolwaneng eo ya Mapoka-Nlapkhwane mme mo palong eo ga tlhopha ba le 1 545.
Go ya ka dipalo tsa ba ofisi ya ditlhopho kwa Masunga, phathi ya BDP e ne e gapile kgaolwana eo ka batlhophi ba le 692, e longwa serota ke ya UDC ka batlhophi ba le 356, mme ntlhopheng yo o neng a ikemetse ene a bona ba le 321 fa Botswana Patriotic Front (BPF) e ne ya tlhophiwa ke ba le 176. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 19 Apr 2023