Go amoga batho dithoto goa tshwenya
19 Apr 2023
Mapodisi a Mahalapye a tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa batho ba ba tseelang batho dithoto ka dikgoka.
Se se tla morago ga gore ba amogele pego e mo go yone mme yo o direlang kwa marekisetsong a dinotagi mangwe kwa Mahalapye a neng a tlhaselwa kwa lwapeng ke borre ba le bane ka Matlhatso.
Mo potsolotsong, ka Mosupologo mookamela mapodisi a Mahalapye Superintendent Omphile Malemenyane o boletse fa borre bao ba ne ba ipipile difatlhego e bile yo mongwe a tshwere sebetsa se go belaesegang e le thobolo e nnye.
Supt Malemenyane o supile fa borre bao ba ne ba amoga mme yoo P11 410, mogala wa letheka e be ba mo keteka pele ba inaya naga.
O tlhalositse fa mme yoo a ne a isiwa kwa sepateleng mme a gololwa morago ga nakwana mme dilalome tseo di ise di tshware.
Supt Malemenyane o boletse fa ka Tshipi go ne ga diragala tiragalo ya mofuta o, kwa kgotleng ya Dilaene fa rre wa kgotla ya Tshikinyega wa dingwaga tse masome a mabedi le borataro a ne a tlhaselwa ke borre ba le bane ka sengwe se se bogale mme ba mo golafatsa mo menwaneng ya seatla ba bo ba mo tseela mogala wa letheka le P150 pele ba inaya naga.
O supile fa motswasetlhabelo a ne a isiwa kwa sepateleng sa Mahalapye, mme a santse a robaditswe.
A re dilalome tseo ga di ise di tshware mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Mo tiragalong e nngwe, Supt Malemenyane o tlhalositse fa ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone mme wa dingwaga tse masome a marataro le bobedi, wa kgotla ya Thomadithotse a neng a ikuela mabapi le go thubelwa ntlo a bo a utswelwa dithoto tsa gagwe.
Supt Malemenyane o supile fa dithoto tse di utswilweng di lopa madi a kanakang P9100. O tlhalositse fa ba sepodisi ba setse kgang e morago lentswa ba ise ba tshware ope, ka jalo a kopa setshaba go ba loma tsebe fa ba utwalela dilwana tse.
Mo kgetsing e nngwe , Supt Malemenyane o boletse fa monna mongwe yo dingwaga tse masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Thomadithotse yo o neng a tshwerwe ka kgang ya bogodu , a fitlhetsweng ka mephuthelwana e go belaesegang e le diritibatsi tse di tumileng ka leina la katse.
O tlhalositse fa ba ne ba tsaya mephuthelwana eo mme a supa fa e emetse go tlhatlhobiwa ke baitseanape. A re bokete jwa yone bo ka tshwara 270grams.
Mo tiragalong e nngwe, Supt Malemenyane o boletse fa ba ne ba amogela pego ka Matlhatso e mo go yone koloi ya modiro wa Pajero e neng ya thunya leotwana e bo e pitikologa.
O tlhalositse fa kotsi e, e diragetse mo tseleng ya A1 gaufi le motse wa Pallaroad ,a re koloi e ne e na le bapalami ba le barataro.
O tlhalositse fa ba ne ba ragosetswa kwa sepatela kwa go fetileng ga rurifatswa fa go tlhokafetse Rre wa mokgweetsi yo o dingwaga tse masome a matlhano le boferabongwe le mme yo dingwaga tse masome a mararo.
O supile fa rre wa mopalami yo dingwaga tse 31 a ne a robegile lebogo, fa borre ba babedi ba na le dikgobalo mo tlhogong fa mme yo o dingwaga tse masome a mabedi le bobedi a robegile leoto. Supt Malemenyane o boletse fa bapalami ba, ba santse ba robaditswe mo sepateleng sa Mahalapye.
Supt Malemenyane a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se bakileng kotsi.
O gakolotse bakgweetsi go netefatsa gore dikoloi di itekanetse pele ba tsaya mesepele e meleele, le go ikhutsa fa ba utlwa letsapa.
O kopile bakgweetsi go lekanyetsa dikoloi bokete le merwalo, le go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe. ENDs
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 19 Apr 2023