Breaking News

Ditau di tlhorontsha barui

18 Apr 2023

Mapodisi a Middlepits a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone barui ba jelwang leruo ke ditau kgapetsa-kgapetsa mo merakeng e e gaufi le Khawa.

Se se tlhalositswe ke mookamela mapodisi a Middlepits Superintendent Kebadire Mmopi mo puisanong ka Mosupologo.

O kaile fa ba gatisitse palo ya dikgetsi tse di oketsegang tsa barui ba ba farologanyeng ba ba supileng fa ba tlhorontshiwa ke ditau mo merakeng. Supt Mmopi a re mo bekeng tse pedi ba setse ba gatisetse kgetsi tse tharo tse di amanang le tshenyo e e bakilweng ke ya ditau.

A re gale le gale jaaka fa paka ya mariga e simologa dikgetsi tsa digopa tsa ditau tse di tswang mo Kgalagadi Transfrontier Park di tsena mo merakeng e e gaufi mme di bake tshwenyo. 

Supt Mmopi o ne a tlhalosa gape gore ditau tseo di tlhaga koo di latela leruo mo dipolasing le mo merakeng jaaka  di dirile bosheng fa segopa sa ditau di le thataro se ne sa bolaya dikgomo di le tlhano tsa morui mongwe mo merakeng e e gaufi Khawa. 

A re mapodisi ba ne ba ragogela koo mme ba di kobela mo teng ga lefelo la tshireletso la diphologolo la Kgalagadi Transfrontier Park.

O supile fa dingwe ditau di bonwe gape mo morakeng wa Parkland bosheng sekgalanyana fela sa dikhilomethara tse di ka fa tlase ga bosupa gaufi le motse wa Khawa. 

O kaile fa banni ba foo ba fitlhetse maroo a ditau maphakela fa ba tsoga ka di ne di tsene mo maapeelong a lelwapa leo mme ka bolesego bosigo joo, di fitlhetse batho ba ne ba setse ba robetse.

Mookamela mapodisi a Middlepits a re e ne ya re mo bekeng e e fetileng tau ya tsena mo morakeng wa Hartebeest ya bolaya namanyane yabo ya e gogela ko ntle ga lesaka mme ba itemogetse maroo a yone mo maphakeleng. 

A supa jalo gore mo go tse dingwe e a bo e le segopa sa ditawana tse di ithutang go tsoma ka di kgona go tsenelela lesaka di bolaya fela di bo di tlogela. Ka jalo, a re barui ba tshwanetse ba aga masaka a a kitlaneng go sireletsa leruo la bone.

Supt Mmopi o ne a gakolola gore jaaka fa moletlo wa Khawa Dune Challenge and Cultural Festival o tsena mafelo a beke e e tlang, batho ba tshwanetse ba itlhokomele ka ditau di gobeya mme di ka tloga tsa ba tshoganyetsa. ENDS

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MIDDLEPITS

Event : Ditlhotlhomiso tsa mapodisi

Date : 18 Apr 2023