Breaking News

Badirela puso ba kgothadiwa go nna sekao

18 Apr 2023

Badirela puso ba kopilwe go isa ditirelo kwa Batswaneng ka nako le ka botswapelo.

Kopo eo e dirilwe ke Mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Lotlhakane East ka Mosupologo.

Dr Kwape o supile fa a sa jesiwe diwelang ke ka fa badirela puso ba isang ditirelo kwa bathong ka teng, a re ga ba tlotle nako, ebile ga ba dire ka botswapelo.

O ba gwetlhile go netefatse gore maitlamo a ga Tautona Dr Mokgweetsi  Masisi a a atlega, ka e le bone ba isang ditlamelo kwa bathong.

Dr Kwape o tlhalositse fa ba tshwanetse go nna sekao mo pele ga setshaba, ba le mo tirong le kwa ntle ga tiro.

Gape o ba kopile go nna sekao mo go ba ba tswang ko tlase, ka jalo le bone ba itse go dira ka natla.

Mo go tse dingwe, Dr Kwape o kopile banni go tswelela ka mowa wa boipelego, bogolo jang wa go itemela dijo le merogo.

O tlhalositse fa dijo tsa setswana di siametse botsogo, ka go na le tse di sireletsang mo malwetseng, a tlatsa ka gore se gape se ka thusa lefatshe go itirela dijo.

Fa ba mo tswa kgaba, badirelapuso le banni ba motse ba ne ba ngongorega ka tlhaelo ya ditsompelo, letlhoko la metsi le seemo se se sa nnang sentle sa mesele ya kgopo ya metsi mo motseng wa bone. ENDs

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Letlhakane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Apr 2023