Kotsi e gapile botshelo jwa motho a le mongwe
18 Apr 2023
Monna mongwe wa Ditshegwane, kwa kgaolong ya Letlhakeng, o latlhegetswe ke botshelo morago ga gore koloi e a neng a e pagame e thule dikgomo di le pedi gaufi le motse wa Serinane.
Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa a rurifaditse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Toyota Runx, a neng a thula dikgomo di le pedi gaufi le motse wa Serinane mme mopalami wa koloi a latlhegelwa ke botshelo.. O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e le lesome le bone nako e ka nna metsotso e lesome pele ga nako ya borobabongwe.
Ass Supt Molwantwa a re mokgweetsi wa koloi eo le mopagami ba ne ba ragosediwa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng kwa rre wa mopalami a neng a rurifadiwa fa a tlhokafetse.
O tlhalositse fa moswi e ne e le monna wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano wa motse wa Ditshegwane fa mokgweetsi e le monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse fa moswi a beilwe mo setsidifatsing sa sepatela sa Scottish Livingstone kwa Molepolole.
Ass Supt Molwantwa o kopile bakgweetsi go nna keletlhoko, le go kgweeetsa ka lebelo le le kwa tlase bogolo jang bosigo, a supa fa tsela ya Molepolole-Letlhakeng e na le leruo le lentsi. ENDs
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kotsi ya koloi
Date : 18 Apr 2023