Breaking News

Tiriso botlhaswa ya bana e a kekela

17 Apr 2023

Go gola ga dipalo tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi go a tshwenya. 

  Se, se tlhalositswe kwa thuto-seka dipuisanyong e e neng e rulagantswe ke  ke mokgatlho wa Chiro go tswa mo kerekeng ya Roman Catholic kwa Mogoditshane bosheng.  

  Fa a arogana le batsena phuthego,  Inspector Betty Monyere a re kgaolo ya Mogoditshane le yone e amilwe ke dikgang tsa bana ba ba tlhakanelang dikobo ba sa le ba botlana.

 Inspector Monyere o boletse fa seemo se se   tshwenya ka bana ba senyegelwa ke bokamoso.

Ka jalo a re dikgang tse di tshwanetswe go salwa morago go bona gore di bakwa ke eng, mme kwa bofelong go batlwe tharabololo.

“Go le gantsi dikgang tsa mofuta o, di felela di ama ngwana ka o a bo a dirisitswe botlhaswa mme a sa kgone go ipuelela,”ga bua Mme Monyere.

A re banana ba tshwanetse ba ikgaphe mo go tlhakaneleng dikobo ba santse ba le botlana, ka se se baleswafatsa, le go gola ka maikutlo a a tshwenyegileng.

O tsweletse a re lefatshe le amilwe ke tiriso botlhaswa ya nnotagi selo  se se setseng se baka koketsego mo go tsa kgokgontsho ya bong ka jalo ba-na-le-seabe ba seka ba ipona tsapa mo go thuseng puso go lwantsha mmaba o.

“Dipalo tsa kgokgontsho tsa ngwaga wa 2021-2022 tsa kgaolo ya Mogoditshane di supa fa di wetse tlase, seo e le sekao sa gore molaetsa o goroga sentle mo setshabeng,” ga bua Inspector Monyere.

A re  kgokgontsho e mefuta mentsi mme e akaretsa kgokgontsho ya mmele, kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho ya tsa itsholelo le kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo.

Mogokaganyi wa mokgatlho wa Chiro Rre Duncan Motlhokodise a re ba ne ba bona go le maleba go simolodisa mokgatlho o, e le tsela ya go tlisa lesedi mo bathong, ka manokonoko a kgokgontsho ya bong.

“Ka 2021 fa lefatshe le wetswe ke leroborobo la COVID - 19, batho ba ne ba tsaya nako e ntsi ba le mmogo mo malwapeng mme kgokgontsho ya bong ya gola. Re le kereke ra rwala mokgoro go thusa puso mo go kgalemeng kgokgontsho le tiriso botlhaswa ya nnotagi,” ga tlhalosa Rre Motlhokodise.

A re jaaka kgokgontsho e golela pele ka dipalo tse di kwa  godimo, manokonoko a a bakiwang ke kgokgontsho le one a golela pele ka jalo a tshwanetse go emelwa ka dinao, ga dirwa tsotlhe tse di kgonegang gore e nyelediwe.

Rre Motlhokodise o rotloeditse borre go tswela kwa ntle mme ba bue ka dikgang tsa kgokgontsho le go lesa go latofatsa le go sireletsa badira molato, ka go swa se nku go ka se ba sologele molemo.

“Re le borre re na le letswalo la go tshaba go ikuela, ka re tshaba go tshegiwa mme seo ke sone se se felelang se baka dipolaano tse di tlisang kutlo botlhoko mo masikeng le ditsala tsa rona, ga bua Rre Motlhokodise.

O ne gape a kopa ba sepodisi go bereka ka natla go fa ba ba amegang sebaka sa go phuthologa fa ba begela mapodisi ditiragalo tsa kgokgontsho.

Mo go tse dingwe Mme Pearl Ramokoka yo o tswang kwa lekalaneng le le sa tswang go bopiwa go lwantsha tiriso ya ditagi la Drug Enforcement Agency a re batho ba ikgaphe mo tirisong botlhaswa ya nnotagi ka e na le ditlamorago tse di sa siamang di tshwana le go latlhegelwa ke tlhaloganyo.

A re o buisiwa se ke gore bangwe matshelo a bone a setse a gapilwe ke tiriso ya nnotagi phetelela mme a re seemo se se ka fenngwa fa mongwe le mongwe a ka nna le seabe, le go ntsha lentswe la kgalemo fa a lemoga fa dilo dingwe di sa tsamaye sentle mo tikologo e a leng mo go yone.

Mme Ramokoka a re ka ngwaga wa 2021 ba ne ba tshwara badirise le barekisi ba feta dikete di le lesome bontsi e le borre.

 O tlhalositse gore  go ne ga lemogiwa  fa bagolo bangwe ba neela bana ba dikole go rekisa ditagi di tshwana le motokwane mme seo se ba ke gore bana ba felele ba o goga.

O tsweletse a akgola tshwaragano ya dikereke le magosi ka e ka thusa go fenya mmaba yo.  

A re kereke ke yone e ka bopang setshaba le go tsisa thitibalo le ledula gareng ga batho ka jalo a rotloetsa maloko a mokgatlho go tswelela ba tsaya karolo ya go rutuntsha ka borai jwa nnotagi ka se e tlaa bo e le go tsweledisa letsema la go bopa setshaba. ENDs

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOGODITSHANE

Event : Thuto-seka dipuisanyong

Date : 17 Apr 2023