Breaking News

Sekole sa Acacia se ipelela letlhafula

16 Apr 2023

Botsamaisi jwa sekole se se botlana sa Acacia mo Jwaneng bo akgoletswe maiteko a bone a go ruta baithuti ngwao ya Setswana ka ele bone bokamoso jwa lefatshe leno.

Kakgolo e e ntshitswe ke Kgosi Duncan Marumoloa wa Jwaneng kwa moletlong wa go ipelela letlhafula, o o neng o tswerwe ka Labone ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Ngwao, Seikokotlelo sa me.’

Kgosi Marumoloa o tlhalositse fa go ruta bana ngwao go le botlhokwa ka jaana e le yone e farologanyang Batswana le merafe ya mafatshe a mangwe.

A re, e re ntswa merafe ya Batswana ka go farologana e na le ditsamaiso tse di farologanyeng, ngwao ya bone e na le bokao jo bo tshwanang ka jaana e le batho ba ba nang le tlotlo le setho.

“Re le Batswana re ka tswa re farologanye ka dingwe di tshwana le puo, mme ngwao ya rona ya tlotlo ke yone e re kopanyang. Ngwao e, re tshwanetse ra e tshela ya bonwa mo go rona re le Batswana,”a tlhalosa jalo.

Kgosi Marumoloa a re setlhogo sa go ipelela letsatsi la letlhafula se gwetlha Batswana gore ba itshekatsheke kwa ba tswang teng, mme ba betle tsela ya go tlotlomatsa ngwao ya Setswana mo isagong.

O ne a kopa batsadi go ruta bana ngwao le dijo tsa Setswana, ka go di apaya kwa lwapeng le gone go gatelela botlhokwa jwa tsone mo botsogong jwa motho.

“Dijo tsa rona di siametse botsogo jwa motho ebile re tshwanetse ra tlotla go di apeela bana kwa lwapeng ka jaana ga di a tswakanngwa le sepe se se botlhabetsi mo botsogong.”

Kgosi Marumoloa o ne gape a rotloetsa bana go tsaya dithuto tsa Setswana ka tlhwaafalo le go di tsweledisa le kwa ntle ga sekole.

A re go dira jalo go ka thusa go anamisa le go somarela ngwao ya Setswana gore e akolwe ke dikokomane tse di tswang kwa morago.

“Bokamoso jwa lefatshe le bo mo diatleng tsa lona,”a tlhalosa.

Erile a rola maikaelelo a moletlo oo, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekoleng sa Acacia, Rre Tsietsi Oodira-Kwenje a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba tlisetse bana dithuto tsa ngwao kwa toropong ka bontsi jwa bone bo sa itse botshelo jwa legae.

A re e re ka botshelo bo fetogile go tsweng kwa metlheng ya maloba, bana ba nna nako e ntsi ba inaakantse le maranyane mme se se ba kgatholose mekgwa ya ngwao ya Setswana.

“Maikaelelo a rona ke go ruta bana ba, ba eleng dikokomane tsa lefatshe leno, ngwao ya Setswana e tshwana le dijo le metshameko gareng gatse dingwe. Re ne re batla go di ba tlisetsa mo toropong ka jaana bontsi jwa bone ba se ke ba di bona kwa magaeng.”

Rre Oodira-Kwenje o tlhalositse fa go le botlhokwa go ruta bana ka dingwao tse di farologanyeng tsa merafe ya Batswana, gammogo le go ipela ka tsone.

Le fa go ntse jalo, o ne a ngongoregela seabe sa batsadi mo go baakanyetseng meletlo e tshwana le wa sekole wa letlhafula.

A re e re ka ba ikaelela go dira moletlo oo ngwaga le ngwaga, go botlhokwa gore batsadi le morafe ka kakaretso ba nne le seabe ka go kgobokanya dijo tsa Setswana ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Moletlo wa go ipelela letlhafula

Date : 16 Apr 2023