Breaking News

Marakakgoro o bolokilwe

16 Apr 2023

Dibui ka go farologana di kaile mogaka wa mmino wa sedumedi yo o neng a tumile ka pina ya Eat Some More, Rre Mmereki Marakakgoro e ne e le motho yo o lerato mo bathong, e le motsadi, a le boineelo, boikokobetso e bile a rata go agisanya.

Rre Marakakgoro o tlhokafetse ka kotsi ya koloi mo tseleng ya Serowe-Palapye gaufi le Morupule Coal Mine, kgwedi eno e tlhola malatsi a ferabobedi. O tlhokafala a le dingwaga di le 58.

Malomaagwe, Rre Onnetse Modisaotsile a re le fa Rre Marakakgoro a tlhokafetse a santse a le monnye, ditiro tse a di dirileng mo lefatsheng di ditona.

A re Rre Marakakgoro o tsholetswe mo tumelong ya sekeresete e ka dinako tsa fa a tsholwa e neng e sa tuma thata. A re ka nako eo, Rre Marakakgoro o ne a tsewa motlhofo mme ba felela ba lemoga fa e le modumedi tota e bile a rata go galaletsa Modimo ka mmino. A re go ne go sena sepe se se neng se palela Rre Marakakgoro mme gape e le motho yo o neng a ikokobetsa thata fa a dira le batho.

Tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre, Kgotla Autlwetse o supile fa Modimo a na le thulaganyo ya ka fa o tsalanyang batho ka teng mme Rre Marakakgoro a ne a mo tsaya jaaka motsadi wa gagwe, tomagano ya bone e sa le e simologile ka 2009 ka a ne a dira le mohumagadi wa gagwe (Mme Autlwetse) kwa sekoleng se segolwane sa Mannathoko.

A re Rre Marakakgoro o ne a le bonolo, maitseo  e bile e le mokgothatsi o motona. Rre Autlwetse a re Rre Marakakgoro o tlogeletse setshaba tsela mme batho fa ba ka e sala morago, ba tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng.

Mohumagadi wa ga Rre Marakakgoro, Mme Bonegang Mmereki Marakakgoro, a re monna wa gagwe o ne a le semowa mme o na le tumelo ya gore o mo diatleng tsa Modimo mo nakong eno.

Moemedi wa badiragatsi, Rre Letsweletse Moshabi yo e bileng e le mothusa modulasetilo wa badiragatsi o supile fa Rre Marakakgoro e ne e le leloko la mokgatlho wa bone la motia mme e ne e se motho yo o neng a bua thata mme tiro ya gagwe ya kopelo a e dirile ka bokgabane.

Rre Moshabi o supile fa mmino kana dipina tse Rre Marakakgoro a neng a di tlhama di ne di sa kopisiwa gope ka jalo di sa fele monate. O ikuetse mo badiragatsing ba mmino go ipha sekai mo go Rre Marakakgoro, ba tlhame dipina tsa sennelaruri.

Rre Moshabi o kopile setshaba go rotloetsa badiragatsi ka ba itshetsa ka neo ya bone. A re bangwe ba felela ba rata badiragatsi fa ba sena go tlhokafala, selo se a reng ga sena mosola, fa bangwe ba ba leboga ka dijo kana diaparo, a kopa gore ba lebogiwe ka madi gore ba itshetse ba bo ba kgothale.

Mookamedi wa pele wa lephata la dikitsiso, Rre Russ Molosiwa ene a re o nnile le tomagano le Rre Marakakgoro kwa mokgatlhong mongwe wa sekeresete mme a mo supa fa e ne e le morongwa wa Modimo.

A re tomagano ya ga Rre Marakakgoro le Modimo e ne e le ya maemo a a kwa godimo. Rre Molosiwa a re motho yo o nang le tomagano le Modimo o tshwanetse a bo a humile mo tlhaloganyong mme Rre Marakakgoro o ne a ntse fela jalo.

Rre Marakakgoro o simolotse tiro ya borutabana ka 1985, a dira e le morutabana wa nakwana mo dikoleng tse di farologaneng. Eirile morago ga go ithutela borutabana, a tswelela a ruta mo dikoeleng ka go faralogana mme o tlhokafala a ne a direla kwa sekoleng se segolwane sa Mannathoko kwa Serowe.

Rre Marakakgoro e ne e le morutabana wa tlhotlhwa yo e rileng ka 2003, a amogela tlotla ya ga Tautona ya Presidential Meritorious Award.

O dirile gape dithutong tsa Boruti tse ka tsone a diretseng mo dikerekeng ka go farologana mme yare ka 2014, a simolola kereke ya The Eternal Revealed Word of God. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Phitlho

Date : 16 Apr 2023