Mapodisi a tlhotlhomisa dipolao
13 Apr 2023
Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng ditopo tsa rre le mme mongwe e bile go lebega di setse di senyegile mo sekgweng gaufi le motse oo ka Mosupologo.
Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo ke modisa mo merakeng e e gaufi le Tsabong ka Mosupologo ka nako ya lesome maphakela.
A re modisa yoo, o tlhalositse fa a ne a utlwa monko o o sa tlwaelesegang mo sekgweng fa a bolotsa dipodi mme ya re a latedisa a fitlhela mmele o go neng go lebega e le wa mme o rapaletse fa fatshe. Rre Tlhapi-David a re mapodisi a ne a ya kwa lefelong la tiragalo kwa a fitlhetseng setopo wa mme yoo, e bile go lebega se setse se senyegile.
A re mo go tlhotlhomiseng gore mme yo o ka tswa a tsile jang foo, ba ne ba fitlhela rre mongwe a akgega mo setlhareng sekgalanya gaufi le mme yo e bile le ene a setse a senyegile.
Go ya ka ditlhotlhomiso, baswi go lebega ba nnile sebaka se se leele foo mme gape go sa begelwa mapodisi ka go tlhoka go bonwa ga bone.
A re go kaiwa fa e ne e le baratani, e bile ba le dingwaga di masome a mabedi le bosupa.
Wa mme o ne a tlholega kwa Lokgwabe fa rre ene a tlholega mo Tsabong. A re le fa ba bongaka ba tsweletse le ditlhotlhomiso, pulamadibogo e supa fa mme yo a ka tswa a bolailwe mme yare morago rre a ikaletsa. Mme yo go supa fa a na le dintho tse go lebegang a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mo dikgopong fa monna ene a fitlhetswe a akgega ka terata.
Go bolelwa fa bobedi jo, bo emeletse kgwedi eno e tlhola gararo bo re bo ya Lokgwabe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Tsa sepodisi
Date : 13 Apr 2023