Breaking News

Mothusa tona o kgothatsa balemi

13 Apr 2023

Mothusa tona wa lephata la Temo-thuo Rre Molebatsi Molebatsi o gwetlhile balemi ba merogo ba kgaolo ya Letlhakeng go lema merogo e e nang le boleng go thusa puso mo maikaelelong a yone a go fetola itsholelo ka temo-thuo.

Rre Molebatsi yo o neng a kopane le balemi ba merogo ka Laboraro kwa Letlhakeng o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le tlhoka ditone tsa merogo di le 112 000 mme balemi bone ba ntsha di le 73 000, a supa fa go na tlhaelo ya di per cent di le masome a mararo le botlhano. 

O ne a kopa balemi go itepatepanya le seemo se, a re go dira jalo go ka thusa mo diemong tse e kareng fa go na le dintwa kana malwetse batho ba tswelele ba ntse ba aja.

Mothusa tona a re fa balemi ba ka lema go le gontsi, mo go salang go ka rekisediwa mafatshe a Yuropa ka e bile ba tshepha merogo e e tswang Afrika ka e lemilwe mo mmung gape e nonofile ka dikotla tse di tlhokegang.

O kaile fa a kile a etela kwa Yuropa, kwa a fetileng a bona merogo le dithunya tse go neng go supiwa fa di tswa Kenya ka sefofane tsatsi le letsatsi. 

Rre Molebatsi o rotloeditse balemi go nna le lekgotla la baikopanyi, go tlhofofatsa go bona thuso. 

A re balemi ba Letlhakeng ba sego ka ba na le lefatshe le metsi a mantsi ka fa tlase ga lefatshe, ka jalo a ba kopa go tsaya temo ka tlhoafalo.

O ba kopile go nna le lenaneo la temo gore fa ba bangwe ba fetsa go roba ba bangwe ba bo ba latela, le gone go nna le lentswe le le nonofileng la go bapatsa dijalo go itsa seemo se o tlaa fitlhelang lefatshe le sena merogo kgotsa e tla e le mentsi ka nako e le nngwefela.

Fa ba tswa la bone, balemi ba ne ba tlhalosa fa ba itumelela ka fa puso e neng ya dira ka teng go tswalela merogo e e tswang kwa ntle, mme ba ngongorega ka mabentlele a a sa batleng go reka thobo ya bone.

Balemi ba ne ba supa gape fa go sena ditsela kwa masimo, ba re se, se dira gore go seka ga nna motlhofo gore bareki ba ye go reka kwa go bone. 

Ba supile gape fa ba tlhoka motlakase kwa masimo le one maranyane go bapatsa thobo.

Balemi ba ne ba tswa ka ntlha ya gore e re le ntswa puso e na le madi a e ba thusang ka one go gokela didiba le tse dingwe, madi ao ga a a lekana ka jaana go sena a a salang go ka di baakanya mme se e nne poelo morago.

 Ba supile gape fa go se motlhofo go thusiwa ka madi a CEDA, ba re ba kgona go sekasekwa mme e re morago ga lebaka le leele ba bo ba tlhalosediwa fa ba sa atlega, ntle le go tlhalosediwa gore ba paletswe fa kae.

Modulasetilo wa lekgotla la balemi la BABAKA Association Rre Monametsi Bahudi ar e ba ntse ba lwa le kgang ya go rekisa thobo kwa dikoleng, a supa fa maiteko a bone a ka tswa maduo fa ba na le lekgotla. 

A re go tswalwa ga melelwane go ba thusitse go nna le dikakanyo tse disha.

Mogokaganya ditirelo tsa temo-thuo Rre Lepodisi Telekelo o tlhalositse fa Batswana ba na le bokgoni jwa go ka ikemela mo go tsa temo. 

A re ka 2021 go ne go lemilwe ditone di le 401, ka 2022 di le 586 mme monongwaga go lemilwe 616 mo kgaolong. 

Mogolwane o supile gore le ntswa go na le dikgwetlho, balemi ba tsweletse ka go lema.

Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng, Rre Anderson Mathibe, a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go rotloetsa balemi go ikaega ka temo ya nosetso, segolo bogolo ka kgaolo ya bone e na le metsi a mantsi ka fa tlase ga lefatshe.

Modulasetilo o tlhalositse fa ba ikaelela go tokafatsa mhama wa temo-thuo, a re go dira jalo go ka kgonega fa balemi ba ka bolela se ba dumelang e ka nna tharabololo ya mathata a bone.

O supile fa temo ya merogo e ka ba busetsa fela jaaka kwa Kenya.

Are maikaelelo ke go ya go tsaya malebela teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 13 Apr 2023