Breaking News

Kgosi o tiisa mokgatlho moko

13 Apr 2023

 Go godisetsa ngwana mo kerekeng go botlhokwa mo dinakong tsa gompieno tse di thata, ka fa a itse Modimo go ka thusa gore le fa a gola a seka a kgaogana le thuto e.

Ka jalo kereke ya Seventh Adventist e akgoletswe go dirisa mokgatlho wa Pathfinder go kaela tsela bana ba dingwaga tse di fagare ga lesome le lesome le botlhano, ka seo se aga monana yo o nang le boikarabelo.   

Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o buile jaana kwa bokopanong le mokgatlho wa Pathfinders kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Laboraro. 

O ne a tsaya mafoko a mo Baebeleng mo bukeng ya Diane 22:6 e e rotloetsang go godisetsa bana mo Modimong.

Kgosi Seretse o tlhomamiseditse mokgatlho o fa o le mo tseleng e bile go nonotsha bana ba, ba jwala mo mmung o o nonneng. 

“Le godisa kokomane e e tlaa reng kamoso e re boloke, kokomane e re tlaa e meletsang mathe, kokomane e e tlaa se keng e re swabise,” a bua jalo.

Kgosi a re go godisetsa bana ka fa tlase ga Modimo go botlhokwa segolo bogolo mo nakong ya gompieno e lefatshe le fetogileng ka bana ba inaakantse le ditagi, a re seo kego ba tshabisa bogale jo bo tlang.

Kgosi Seretse o ne a supa gape fa a itumelela fa mokgatlho o wa Pathfinders o akaretsa bana botlhe le ba batsadi ba bone ba sa tseneng Sabata, e mokgatlho o, o leng ka fa tlase ga yone. 

Kgosi a re o ne a ka eletsa fa marara otlhe a ka tshwaragana go netefatsa gore mokgatlho o o goroga kwa bathong botlhe.

“Ke eletsa gore e kare marara otlhe a ka bo a le fa gore thulaganyo e re e tseye tsia, re e tsholeletse kwa godimo. E kare Modimo o ka le etelela pele, a le godisa la bo la segofala ruri ka le le tshegofatso mo go rona,” a garela jalo.

Mokgatlho o wa Pathfinders ke wa kgaolo ya bokone jwa lefatshe la Botswana, o akaretsa setlhopha sa Masupatsela se se dirilweng ka bana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le lesome le botlhano go tswa Letlhakane, Orapa, Mahalapye, Palapye le Serowe.

Se se tlhalositswe ke mookami wa diphuthego tsa Sabata tsa legare, Moruti Bosenakitso Chabana. 

Moruti Chabana a re ba tlhophile go ruta bana ba tsela ya b Modimo ba santse ba le bannye gore e re motsing ba godileng ba bo ba itse gore tsamaiso le molao di tshwanetse go salwa morago. 

“Golo fa re ba ruta gore Modimo o tshwere tharabololo ya mathata otlhe le gore mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba tlaa kopanang le tsone mo botshelong, ba tshephe Modimo,” a bua jalo.

Moruti Chabana a re o eletsa fa batsadi ba ka tsisa bana kwa mokgatlhong ka gore bana ba ba fetileng mo matsogong a bone ba ba sugile gore e nne banna le basadi ba ba eletsegang mo setshabeng gompieno. 

Moruti Chabana a re ba itumeletse kamogelo ya ga kgosi mo motseng le tsholofetso ya gore ba tlaa tshwaraganela tiro e. 

“Re itumetse thata kgosi gore le re buletse dikgoro. Ke ditso tse bana ba ba se kitlang ba di lebala,” a garela jalo.

Tumisang Keaitse, lesupatsela go tswa kwa mokgatlhong wa Serowe a re mokgatlho o, o ba ruta boikgapho mo dilong tse di ka ba senyetsang isago jaaka ditagi le tlhakanelo dikobo. 

A re ba anywa dikitso tse di farologanyeng jaaka go roka le go itirela gore e re mogang ba godileng ba kgone go ikgaratlhela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Mokgatlho

Date : 13 Apr 2023