Breaking News

Mapodisi a Sejelo a duba thankga

12 Apr 2023

Mapodise a Sejelo kwa Kanye a tshwenngwa ke mohuta oo tseneng wa borukutlhi, jo mo go jone magodu a bolayang dikgomo tsa batho a bo a latlhela matlalo a teng mo metseng e e gaufi.

Dikgang tse, tse di simologileng ngwaga ono, di tsweletse ka go oketsega, selo se se tlhobaetsang mapodisi thata.

Mookamedi wa mapodisi  a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng o ikuetse mo puisanyong le BOPA bosheng. 

“Re kopa setshaba go nna podimatseba ka dilalome tse. 

Re tshwaragane le dikomiti tsa barui re boloditse ntwa, le mapodisi a malala a laotswe go leka go hema borukutlhi jone jo,” a tlatsa.

Superintendent Matlapeng a re bogodu jo bo bontsi thata kwa masimong a a bapileng le kgaolo ya Kgwakgwe, Selokolela, Gasita le Motlhalawakgomo, a supa fa bosheng mapodisi a bone matlalo a le marataro a dikgomo a latlhetswe mo metseng eo.

A re go lebega go na le ditlhopha tse di boloditseng ntwa ya go bolaya dikgomo ba sa tsee tsia gore a kgomo e a dusa kgotsa jang.  

Re na le mapodisi a a itebagabtseng le bogodu jwa leruo go fema borukutli jo, mme re kopa setshaba go re tlhaba podimatseba fa ba belaela batho ba dikgang tsa go nna jalo,” a tlatsa. 

O ne a gakolola beng ba leruo go nna ba tlhola leruo la bone kgapetsakgapetsa gore ba kgone go lemoga le go loma mapodisi tsebe ka bonako pele ga bosupi bo timela.

Superintendent Matlapeng o supile fa a tshwenyegile gape ka digopa tse di tsamayang di tlhasela batho masigo mo malwepeng. 

A re magodu a a tsenelela batho mo matlung, ba ba tseela megala ya letheka le dikarata tsa banka ba bo ba ba pateletse go ba naya nomoro ya sephiri ya karata gore ba tseye madi kwa metshineng ya banka.

“Re kopa gore setshaba se eme ka dinao, gore re itepatepanye le dikgang tsa borukutlhi jwa go nna jalo.” 

O kopile gape gore batho ba ba eletsang go thusa mapodisi ka bangwe ba ba belaesegang ka bogodu jwa go nna jalo, go leletsa mapodisi a Sejelo mo megaleng ya 5441550 kgotsa 999.

Fa a ntsha pego ka seemo sa borukutlhi ka malatsi a boitapoloso a papolo ya Morena, Superintendent Matlapeng o ne a leboga Bangwaketse le setshaba ka kakaretso, a supa fa go ise go nne le kgang epe e e masisi. 

A re go nnile le kgang e le nngwefela ya kotsi ya koloi e koloi ya rre mongwe e neng ya wela mo mosimeng wa kgopho ya metsi a pula, a supa fa rre yoo a ne a bone kgobalo tse di potlana mme a ragosediwa kwa kokelong. 

“Re ka kgona fela fa setshaba le sepodisi ba tshwaragane.

Re kopa gore sechaba se eme ka dinao re kgone go fenya borukutlhi jo.”

Mo go tse dingwe, Mogolwane wa sepodisi sa Moshupa, Superintendent Goitsemang Sekgabo o akgoletse Bakgatla ga mmogo le setshaba ka kakaretso mo kgaolong ya Moshupa tirisanyo mmogo ka nako ya malatsi a boitapoloso a Papolo ya Morena.

O supile fa tirisanyo mmogo magareng ga mapodisi le setshaba e ne e le ya maemo a ntlha, a tlatsa ka go re ba itemogetse melato fela e mesesanyane mo setshabeng. 

“Re itemogetse molato o o tlhoafetseng o le mongwe wa matshosetsi a polao, ka jalo re tshwere monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le botlhano mabapi le kgang ya go nna jalo.”

A re ba amogetse pego e e neng e supa fa monna yoo a ne a tlhoka kutlwisisanyo le mokapelo wa gagwe, morago a mo gogela kwa sekgweng. 

Superintendent Sekgabo o supile fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo mme ka lesego ba fitlhela monna yoo a santse a tshwere mosadi. 

“Re gakolola gore fa motho a itemogela bothata mo leratong,  a amogele seemo, le gore fa lerato le fedile, ga ba a tshwanela go letlelela kutlobotlhoko gore e ba laole,” a tlatsa.

Superintendent Sekgabo o gakolotse setshaba gore fa motho a le mo seemong sa go nna jalo a kope bogakolodi kwa go ba ba maleba jaaka baruti, ba boipelego, magosana le mapodisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Sepodisi

Date : 12 Apr 2023