Breaking News

A seabe sa kereke se bonale

11 Apr 2023

Kereke ya Ntlo ya Modimo Apostolic e kgothaditswe gore mo godimo ga go rera lefoko la Modimo, ba nne le seabe  mo go bopeng setshaba, bogolo jang banana ka e le babusi ba isago.

Go boletswe fa go dira jalo go ka thusa lefatshe leno go tswelela le nna la kagiso le thokgamo, selo se se tlhokang boeteledipele jo bo nonofileng e bile bo na le boikarabelo. 

Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele o buile jaana a bula semmuso malatsi a thapelo a Papolo ya Morena ka Labotlhano kwa Kgagodi.

Rre Modukanele a re lefatshe leno mo isagong le tshwanetse la etelelwa pele ke bomme le borre ba ba nang le boikarabelo mme ke sone se kereke e tshwanetseng go bopa banana gore e tsoge e le baeteledipele ba kamoso ba ba nang le boikarabelo. 

Rre Modukanele yo e bileng e le mopalamente wa Tswapong Bokone a re puso e tshwenyegile ka maitsholo a banana, bogolo jang mo tirisong ya maranyane, a tlatsa ka go re banana ga ba dirise maranyane sentle, e bile bangwe ba a dirisa go kgoba ba bangwe ka mafoko.

A re banana ba nna ba amega mo ditirong tsa borukutlhi mme bontsi jwa tsone di bakwa ke nnotagi le ditagi tse di felelang di ama botsogo ga mmogo le boitsholo jwa bone. 

O kopile batsadi ba kereke ya Ntlo Ya Modimo go tsaya boikarabelo jwa go tsenya bana mo tseleng le go ba godisetsa mo kerekeng, a tlhalosa fa a le se a leng sone ntateng ya go golela mo kerekeng. 

“Re le puso re rotloetsa gore dikereke di gole ka jaana di re thusa go tsisa kagiso le thitibalo mo lefatsheng.”

A re tiro ya kereke mo setshabeng ke go aga, go ruta, go letlanya, go sidila maikutlo, go thusa ba ba sa kgoneng ga mmogo le go dirisanya le puso go bopa le go tlhabolola lefatshe. 

Rre Modukanele o akgotse moeteledipele wa kereke eo Archbishop Phemelo Mogapi go bo a tsweletse ka go goga kereke ya gagwe sentle, a tlhalosa fa puso le yone e rotloetsa gore bomme ba fiwe maemo a boeteledipele.

A re mookamedi mogolo ga a ise a ipone tsapa fa rre wa gagwe Archbishop Keetshabe Mogapi yo o simolotseng kereke e, a sena go tlhokafala mme o ne a godisa kereke go tsweledisa fa a tlogetseng teng.   

O ne a mo akgola gore mo nakong e khutshwane kereke e bo e setse e na le makalana a le marataro mo metseng ka go farologana.

O atlile mogopolo wa Ntlo ya Modimo Apostolic Church wa go thusa maloko fa ba na le dintsho, a ba a ba rotloetsa ka P1 200. 

Mo godimo ga se a re o tlaa ba thusa go aga kago ya kereke.

Archbishop Mogapi o ne a leboga Rre Modukanele go bo a ne a tsaya matsapa a go tla go simolodisa letsatsi la Papolo ya Morena kwa kerekeng ya bone. 

A re go dira jalo go supa tshwaragano ya puso le dikereke.

Modulasetilo wa kereke, Bishop Isaiah Mogapi le ene o lebogetse kemo nokeng ya puso a re o tlaa thusa go agela mafoko a ga Rre Modukanele mosako ka go thusa puso go bopa setshaba le go godisetsa bana mo kerekeng.

A re le fa ba tsweletse sentle kereke e na le dikgwetlho tsa madi go tsweledisa kago ya kereke, a tlhalosa fa kereke e e dule mo kerekeng ya Revelation Blessed Peace mme ya tlhongwa semmuso ka 2009.

A re jaaka kereke e e santseng e gola, ba lebanywe ke kgwetlho ya go tlhaelelwa ke ditsompelo go e tsamaisa. 

Molaodi wa Palapye, Rre Mompati Ntapu le ene o ne a solofetsa go thusa kereke e ka go ba rekela dikgetsi tsa semente di le some.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : KGAGODI

Event : Kereke

Date : 11 Apr 2023