Breaking News

Monnakgotla o akgola kereke ya Pentecostal Holiness

11 Apr 2023

Mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla o akgotse kereke ya Pentecostal Holiness mabapi le tshwaragano ya motia e ba e supileng mo pusong.

O ba akgotse jalo ka letsatsi la Paseka jaaka maloko ba ne ba tshwere bokopano jwa go ipelela bagaka ba tumelo mo dingwageng tse di masome a supa le botlhano.

Mme Monnakgotla o supile fa kereke eo, e nnile le sekao ka go ema puso nokeng mo go tokafatseng matshelo a setshaba. 

A re ntswa kereke le puso di lebanwe ke dikgwetlho, go maleba go lemoga seabe sa tsone, ka jaana di ise di ipone tsapa, mme tsa tshwaraganela jokwe le puso go leka go fetola matshelo a batho.

O ba iteetse legofi gore ba supile tlotlo molao ka go kwadisa mokgatlho wa bone le lekgotla le le itebagantseng le go kwadisa mekgatlho. 

O ne a supa fa kereke e, e le nngwe ya basimolodi ba mokgatlho wa Evangelical Fellowship of Botswana (EFB).

A re mokgatlho o, o ne o itebagantse le go bopaganya badumedi ba Sekeresete mme ga felela go kwadisiwa mokgatlho wa Botswana Network Christian Communities (BONECCO), o maikaelelo a one e leng go tshwaragana le puso go lwantsha maitsholo a a sa eletsegeng, jaaka borukutlhi.

Mme Monnakgotla o ne a rotloetsa tshwaragano fa gare ga boeteledipele le maloko gore ba kgone go fitlhelela maitlamo a ba a ipeileng pele, le gone go nosetsa mowa wa boipelego ka jaana puso e ka seke e kgone diemo tsa matshelo a batho e le nosi.

Fa a afa tshedimoso ka tshimologo ya Pentecostal Holiness, Bishop Lesego Lekgetho, o tlhalositse fa kereke e simolotswe ka 1848, mme mo Botswana ya simolola ka 1948.

A re kereke ya bone e remeletse mo kgaolong ya legare, ka diphuthego di le lesome le boferabobedi fa mo Borwa di le lesome le botlhano.

O tlhalositse fa bokopano jwa ntlha jwa kereke e, bo ne jwa tshwarwa mo lefatsheng leno ka ngwaga wa 1948 ka boeteledipele jwa ga Reverend Mmidiwa Sebolao.

A re boeteledipele jwa ga Rev. Sebolao bo ne jwa dira ditso, ka e ne e e le ene motho montsho wa ntlha go tshwara maemo, fa e sale kereke e tlhangwa.

Bishop Lekgetho a re kereke e ne ya kgona go phatlalala le lefatshe, ka boeteledipele jwa mabutswapele ba tshwana le Reverend Keakopa Chaune.

A re kereke e, e ne ya nna yone ya ntlha mo kgaolong ya Hukuntsi go nna le kago ka ngwaga wa 1968, mme ya ipoeletsa seboaboane ka go nna yone gape ya ntlha go nna le kago e tona go di feta tsotlhe.

Bishop Lekgetho a re ba bone go le maleba go ipelela dingwaga tseo, ka jaana bagaka ba tumelo ba ne ba raletse dikgwetlho, mme ba sa ipona tsapa go gasa efangele go ralala lefatshe leno.

A re ba ne ba dira tiro eo ka lorato mme e bile ba sa lope dituelo dipe ka ba ne ba ititeile dihuba gore ba direla Modimo le kereke.

Kgosi Merapelo Tshweneyagae o ne a lebogela bokopano joo, a supa fa bo tlaa thusa go tlotlomatsa motse wa bone kwa ditshabeng.

A re Pentecostal Holiness Church e nnile kereke ya boraro go tlhongwa mo Hukuntsi morago ga London Missionary Society le African Methodist Episcopal.

Kgosi Tshweneyagae o ne a iteela bagaka ba tumelo legofi, a re ba kgonne go nosetsa thuto mo morafeng le ntswa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka ditlamelo.

Ka jalo, o ne a gwetlha badumedi go tshwara ka natla gore le bone ba tsweledise fa mabutswapele a tlogetseng teng go tlotlomatsa serodumo sa kereke.

Bokopano jo bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Ebenezer 75, Go Ipelela Bagaka ba Tumelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Kereke

Date : 11 Apr 2023