Breaking News

Makhanselara a Mabutsane rotloediwa go tshwaragana

10 Apr 2023

Modulasetilo wa khansele e ntsha ya Mabutsane, Rre Kgopolo Setammere-Ramosesane o kopile makhanselara a kgaolo eo gore ba tshwaraganele tiro go netefatsa gore ditlamelo di goroga sentle kwa bathong.

A re e re ka jaana maikaelelo a puso a go godisa dikhansele-potlana di tshwana le ya Mabutsane e le go tokafatsa ka fa morafe o fiwang ditlamelo ka teng, go botlhokwa gore ba na-le-seabe ka go farologana ba dire ka natla go fitlhelela seo.Rre Setammere-Ramosesane, yo e leng mokhanselara wa Sese, o buile se morago ga go tlhophiwa modulasetilo wa khansele eo ka Labone, a thusiwa ke mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Galaletsang Dikgokgwane.

Bobedi joo bo tlhophetswe maemo ao go sena baganetsi.

Modulasetilo o ne a tlhalosa gore e re ntswa ba lebogela tshwetso e e tserweng ke puso go godisa khansele ya bone, seo se tla ka dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya madi ka jalo, a gatelela botlhokwa jwa gore khansele e itirele madi go oketsa lemme le le tswang kwa pusong.

“Go godisiwa mo ga khansele ya rona go raa gore re tsile go tlhoka madi a a isang ditlamelo kwa bathong ka jalo, go botlhokwa gore re tsosolose mananeo a a tshwanang le botsalano le makalana a a ikemetseng ka nosi la Public Private Partnership, ka maikaelelo o ne a go tsamaisa ditlhabololo. 

 Re tshwanetse gape ra sekaseka ditsamaiso tsa rona tsa khansele, bogolo jang tsa lephata la boipelego, go tokafatsa ka fa re thusang batho ka teng,” Rre Setammere-Ramosesane a tlhalosa. O ne gape a supa fa ba tlaa tlhoka dikgakololo tsa baeteledipele ba ba ntseng ba goga khansele potlana ya Mabutsane. 

E rile a tswa la gagwe, Mme Dikgokgwane a akgolela puso go bo e bone go tshwanela gore khansele ya bone e tsholediwe maemo e ikemele. “Kgaolo ya rona e bophara ebile e saletse kwa morago ka ditlhabololo. 

Re solofela fa jaanong dilo di tlaa tokafala ka jaana re ntse re tsaya ditlamelo kgakala kwa Kanye,” Mme Dikgokgwane a supa.

O kopile dikgosi tsa kgaolo gore ba tswelele ba ba emeng nokeng gore ditlamelo di goroge kwa setshabeng. 

A re seabe sa bone e le batlhokomedi ba morafe ke se segolo mo go direng le batho le go atumetsa ditlamelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MABUTSANE

Event : COUNCIL MEETING

Date : 10 Apr 2023