Breaking News

Kereke ya Healing Saint e kgala kgokgontsho ya bong

10 Apr 2023

Kereke ya Healing Saint Apostolic e kgala tsotlhe tse di kgatlhanong le borapedi le setho di akaretsa kgokgontsho ya bong, bogolo jang mo go ope yo o ikanneng ka leina la Modimo.

Ka jalo, kereke ga e a tshwanela go fitlhelwa e le yone e kgokgontshang, ka tsholofelo e le gore e nne yone e e letlanyang setshaba.

Moeteledipele wa kereke ya Healing Saint Apostolic Archbishop Tshenolo Pansiri o buile se mo molaetseng wa gagwe wa Paseka kwa Shoshong.

Kereke e, e e nang le dingwaga tse nne e kwadisitswe semmuso,  jaaka dikereke tse di neng di phuthaganetse kwa mafelong a a farologananeng go keteka malatsi a paseka, e ne ya seka ya salela morago, ya ipelela malatsi a paseka  kwa motseng wa Shoshong go tswa kwa mafelong a a farologaneng.

O ne a rotloetsa maloko a kereke ya gagwe go tshwaragana le puso mo go lwantsheng kgokgontsho.

A re maloko a dikereke kana boeteledipele jwa dikereke ga bo a tshwanela go leba kgokgontsho kwa ntle ga kereke fela mme e tshwanetse e lwantshiwe mo teng ga dikereke pele fa maloko kana boeteledipele jwa dikereke bo ka e lwantsha kwa ntle. Archbishop Pansiri o ne a supa fa a sa eletse gore e re nako nngwe mongwe wa maloko a kereke ya gagwe a lele ka kgokgontsho.

O ne a supa fa mo dinakong tse dingwe e bakwa ke baruti mo dikerekeng mme maloko mangwe a dikereke a bo a felela a tlogetse kereke a supa fa mokgwa oo o sa siama ka kereke e le yone botshabelo.

A re mo go lwantsheng dipolaano tsa baratani tse di supiwang fa e le tsa marato, kereke ya gagwe e leka thata go rotloetsa manyalo.

Mo go tse dingwe o ne a supa fa toro ya gagwe e le gore kereke ya gagwe e nne le seabe sa go thusa puso mo go ba ba kobo dikhutshwane mme ba supe bopelotlhomogi jo ba bo rerang e le kereke.

O ne a supa fa kereke ya gagwe e tsamaya sentle mme se se itumedisang e le go bona batho ba itse Modimo e bile ba tsaya dithuto tsa semowa. 

Kereke e, e e kwadisitsweng semmuso ka ngwaga wa 2019, e na le makalana kwa mafelong a a farologaneng a tshwana Mahalapye, Tati siding, Serowe, Kopong le gone kwa Shoshong mme go ya ka moeteledipele wa yone boloko jwa bone bo supa kgolo.

Ka jalo Achbishop Pansiri a re o eletsa fa kereke e ka nna le makalana  lefatshe ka bophara. Bishop Gabasimolole Lethoka o ne a rotloetsa maloko a kereke ya Healing Saint Apostolic go tsaya melaetsa yotlhe ka tlhwaafalo, e ba tlaa e fiwang jaaka ba phuthegile jalo gore mewa ya bone e nne phepa fa ba tswa mo malatsing ao. A re Modimo o amogela mongwe le mongwe ka jalo go sena moeng mo Modimong. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Shoshong

Event : Tirelo ya paseka

Date : 10 Apr 2023