Rapelelang thitibalo ya ditlhopho- Brooks
10 Apr 2023
Dikereke di rotloediwa go rapelela thitibalo kgatlhanong le dipheretlhego tse di ka tlhagogang jaaka fa diphathi tsa sepolotiki di ipaakanyetsa go tlhopha baemedi ba ditlhopho tsa setshaba.
Mafoka a a builwe ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Samuel Brooks fa a ne a ipelela malatsi a paseka le ba St Peters Apostolic Faith Mission Church ka Matlhatso.
A re kereke e tumile ka go bopa motho ka jalo, go botlhokwa go rotloetsa banana go ikitaya ka thupana go obama.
Rre Brooks o supile botlhokwa jwa gore dikereke di rapelele lefatshe la Botswana jaaka fa le ipaakanyetsa go ya ditlhophong mme go rapedisiwe gore go nne le kagiso le thitibalo.
“Re ya kwa motsubong wa ngwaga tse tlhano mme, go botlhokwa gore dikereke di rapele,” Rre Brooks a tlhalosa.
A re puso e tshwenngwa ke dipolaano tsa baratani, tiriso botlhaswa ya nnotagi, go latlhegelwa ke matshelo ntateng ya dikotsi tsa tsela, go tlhagoga ga malwetse le kgokgontsho ya bong ka jalo thapelo e botlhokwa.
Rre Brooks a re go ne ga gagamadiwa molao wa dikereke morago ga go lemoga go runya ga dikereke tse di ntsi, dingwe tsa tsone di se na dibuka tsa madi fa dingwe di dirisiwa ke ditsuulodi go tlhatswa madi mme Palamente ya bona go tshwanela gore e dire melao go somarele serodumo sa lefatshe.
A re go gagamadiwa ga molao o o tsamaisang dikereke le e mengwe go thusitse gore mafatshe a bulele lefatshe leno go adima madi.
O supile fa a ngongoregela dipalo tsa baphuthegi ba St Peters tse di wetseng tlase fa go tshwantshanngwa le mo malobeng fa e ne e na le boidiidi jwa batho mme jaanong e sa tlhole e tlala jaaka pele ka jalo, a kopa bogogi jwa kereke go boele kwa go diriseng ditsela tse ba neng ba di dirisa bogologolo go ngoka baphuthegi.
A re banana ba tshwanetse ba ema ka dinao go busetsa serodumo sa kereke ka gore tlhokomelo ya modi wa yone e mo maruding a bone gore ba tsamaye ntlo le ntlwana ba tsosolose mewa e e robetseng.
“Tlhape le senang morole ga le ate,” Rre Brooks a supa, a kgothatsa banana go ikitaya ka thupana go direle Modimo e seng go diiwa ke menate ya lefatshe.
Molaodi wa kgaolo ya Tsabong, Rre Bigboy Mangwa o kaile fa go le molemo go itlhokotsa mo tumelong le go gopola Modimo ka malatsi a paseka.
A re ponelopele ya lefatshe leno ya 2036 e tlhaetswe mo tumelong ya Sekeresete mo lokwalong lwa Baebele lwa Habakuk 2:2-3, lo lo buang ka go kwala ponelopele gore botlhe ba nne le katlego.
A re ponelopele ya lefatshe e rotloetsa gore go nne le tlhomo ntsha, gore go dirwe dilo ka tsela e ntsha ka jalo a re go botlhokwa go kanoka methale le mekgwa e go dirwang dilo ka yone, go lebiwe gore a ga go na se se ka fetolwang go tokafatsa ka fa dilo di dirwang ka teng.
Rre Mangwa o tlhalositse fa dikereke di tshwanetse tsa lebelela ka fa di dirang dilo ka teng, go fokotsa letlhoko la ditiro.
A re go boletswe fa kereke eo e itsege ka go alafa bolwetse jwa tlhaloganyo ka jalo, dikitso tseo bagolo ba di arogane le banana gore di seka tsa nyelela.
Fa a tlhalosa ditso tsa kereke, Archbishop Kebabope Tlhabano a re St Peters e itsege ka go fodisa bolwetse jwa tlhaloganyo mme e tlholega ka fa tlase ga ya St Jonah e e tlholegang kwa South Africa.
E simologile ka 1930 gone koo, ya bulwa mo Botswana ka 1959 mme ya nna nngwe ya dikereke tsa ntlha go kwadisiwa semmuso mo Botswana ka 1979. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : MAUBELO
Event : EASTER CELEBRATION
Date : 10 Apr 2023