Monna o arabela molato wa polao ya motho
08 Apr 2023
Mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa Tsabong a bolaileng mokapelo wa gagwe morago ga go tlhoka kutlwisisanyo bosheng.
Fa a bua mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David, o boletse fa ba amogetse pego ka makuku a naka tsa kgomo ka Laboraro.
A re go ne ga bolelwa fa go bonwe mongwe a khurumeditswe ka dikobo kwa ntle ga ntlo mo kgotleng ya Bontleng kwa Tsabong.
Mapodisi a ne a ragogela teng mme ba fitlhela mosadi a rapaletse foo a na le dikgobalo tse di masisi mo tlhogong go lebega a remilwe ka sengwe se se bogale.
Ramapodisi a re ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelong kwa go fetileng ga rurifadiwa fa a tlhokafaetse.
A re ne ba tshwara mmelaelwa, Stephanes Vissagie, yo a neng a tlhalosa fa e le ene a bakileng dikgobalo tseo.
E ne ya re mo maphakeleng a Labone, Vissagie a isiwa fa pele ga kgotla tshekelo, mme o santse a tshegeditswe kwa kgolegelong.
Rre yoo o tlaa isiwa gape fa pele ga kgotla tshekelo kgwedi e e tlang e le malatsi a le masome a mabedi le botlhano.
Rre yo o dingwaga di masome a mararo le bosupa fa moswi yo e neng e le mokapelo wa gagwe ebong Mme Pelaelo Kerebotswe a ne a na le dingwaga di le masome a matlhano.
Go bolelwa fa e se lantlha mmelaelwa a tshwarwa ka molato o.
O ne a santse a letile ditsheko a le kwa ntle ga kgolegelo.
O tshwanetse go rabela kgang ya thubetso le e nngwe ya polao ya motho e e diragetseng ngogola gone kwa Tsabong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 08 Apr 2023