Breaking News

Lore lo ojwa lo sa le metsi

05 Apr 2023

Baithuti ba basetsana ba gwetlhilwe go aga botsalano jo bo haphegileng le barutabana ba bo mme ka ele batlhokomedi ba bone kwa sekoleng e bile ba na le seabe mo kgodisong ya ngwana wa mosetsana.

Se se tlhalositswe ke mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Boitshoko kwa Molepolole Mme Bashaleba Matleelane kwa bokopanong jwa bomme le basetsana bosheng, are go dira jalo go thusa baithuti go ipaakanyetsa bokamoso jo bo tsepameng.

Mme Matleelane o kaile fa ngwana wa mosetsana o tlhoka kgakololo go tswa mo go mme, gore a anywe maele le go tsaya boikarabelo.

O gateletse fa tshwaragano ya barutabana ba bo mme le baithuti ba basetsana e ka thusa go rutuntsha bana go nna le boitshwaro le tebelopelo.

A re lentswa ba dira maiteko a go aga botsalano le baithuti, ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le kwelo tlase ya maduo le go tlhoka go tsena sekolo sentle ga baithuti.

 Mme Ednah Kgwefane yo eleng morutabana kwa sekoleng seo a re ithuthuntsho e leka go thuba lebota le le fa gare ga barutabana ba bomme le bana ba basetsana gore ba kgone go lebana le dikgwetlho.

Moithuti wa sekole Mme Lorraine Radinoga a re ithutuntso e tla ba thusa go nna le maikarabelo le gone go ka dira botoka mo dithutong tsa bone.

A re e ba file sebaka sa go nonotsha botsalano jwa bone le barutabana a tswelela ka gore ithutuntsho e botlhokwa ka gore bana ba lebanwe ke dikgwetho ka jalo ba tshwanetse ba nna le dikitso tse di tla ba thusang go ka ikemela. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Ithutuntsho

Date : 05 Apr 2023