Morafe o amogela Kgosi Tawana ka boitumelo
05 Apr 2023
Batawana ba amogetse Kgosi Tawana Moremi II mo setilong sa bogosi ka boitumelo le loshalaba, morago ga go tsaya dingwaga di le masome a mabedi a le kwa sepolotiking.
Mo moletlong wa go mo amogela kwa kgotleng kgolo ya Maun ka Mosupologo, morafe o ne wa fiwa sebaka go kgothatsa le go amogela kgosi mme ba supa fa ba itumetse.
Tona wa pele, Dr Pelonomi Venson- Moitoi o tlhalositse fa go boela mo setilong ga ga Kgosi Tawana e le ditso ka yaare bangwe ba fiwa tshono ya go tshwarelela setilo ba ganelele mo maemong.
A re bana ba ga Moremi ba dirile ditso ka go dirisana sentle, ka mowa o montle mme a kopa morafe go ema bogosi nokeng.
“Re bone tshwaragano le lorato magareng ga ga Kgosi Moremi II le mogolowe e leng Kealetile Moremi yo a ntseng a tshwareletse bogosi ebile ke a le kopa Batawana, le seka lwa senya botsalano jo,” Dr Venson-Moitoi a kgothatsa.
Kgosana ya kgotla ya Goo-Seetso, Kgosi Gakemoeng Molaletsi o eleleditse Kgosi Tawana botsogo abo a itlama gore e le dikgosana, ba tlaa mo tshegetsa.
O lebogile kgaitsadie kgosi yo a ntseng a tshwareletse bogosi, a supa fa ba ntse ba bereka sentle ebile ba dirile ditso ka go seka ba lwela setilo sa bogosi.
A re o kopile kgosi gore a eme kgatlhanong le ditagi, a re bana ba gompieno ba dule mo tseleng ka ba setse ba nwa bojalwa le go dirisa ditagi.
Moruti John Kamedi wa Sabata ene o tlhalositse fa dikgosi di le botlhokwa mo setshabeng ka e le batlodiwa ba Modimo.
O kgothaditse kgosi go rata morafe wa gagwe ka go lekalekana a re bangwe ba tsile go mo tsisetsa diemo le dikgwetlho mme a tsepame, a seka a etsaetsega.
A re go etelela batho pele ga se tiro e e motlhofo ka batho ba farologana ka maitshwaro le maikaelelo mme se se tlhoka botlhale.
Mogwebi wa Maun, Rre John Wellio o supile fa a itumetse go bo kgosi a boetse mo setilong mme a leboga le yo a ntseng a mo tshwareletse go bo a dirile tiro e ntle. A re Batawana ba na le merafe e mentsi e ba e eteletseng pele, go tswa Phuduhudu, Khwai, go ya kwa Gudigwa ka jalo, a kopa morafe gore ba eme nokeng kgosi ya bone ka dinako tsotlhe.
Moruti Galeganwe Mbulawa wa UCCSA o lebogile Kgosi Tawana go bo a diragaditse maitlamo a gagwe jaaka a ne a ba laetse gore o tlaa boela mo setilong sa gagwe.
O boleletse kgosi fa Batawana ba mo rata ebile ba sa bolo go emela letsatsi la Moranang a le malatsi a mararo
“Mogoloo ebong Kealetile, o go rata thata ka gore le motho a le mongwe fela ebile ke kopa gore go seka ga nna le ope yo o tlaa kgaoganyang bana ba,” Moruti Mbulawa a supa.
Fa a bua e le monana, Rre Boago Morolong o boleletse kgosi fa nnotagi e golela pele mo dikoleng mme a mo kopa gore a gagamatse maiteko a go lwantsha boitshwaro jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : Kamogelo ya Kgosi
Date : 05 Apr 2023