Bakgatla ba rolela khansele tlhokomelo ya mabitla
04 Apr 2023
Morafe wa Bakgatla o dumalane ka bongwefela jwa pelo gore khansele e fiwe tetla ya go tlhokomela mabitla a morafe gammogo le go a epa.
Morafe o tsere tshwetso e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa kgosikgolo ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai kwa Mochudi la Labotlhano.
Ba-tsena phuthego eo ba boletse fa mabitla a le mo seemong se se sa itumediseng ka jaana a sa tlhagolwe e bile a oka magodu.
Le fa bangwe ba ne ba ngongoregela tshwetso ya go epela mabitla ruri ba re ke go hutsa ba ba tshelang, go lemosegile fa go epa go ka thusa thata gore mabitla a nne mo seemomg se se eletsegang ka jaana a segwa sentle a bapile go sa ipeelwe diphatlha tse ditona fa gare ga one jaaka fa go diragala.
Kgosi Sekai o ngongoregile ka fa mabitla a morafe a sa tlhokomelweng ka teng, a tlhalosa fa mo nakong e fetileng banni ba ne ba ngongoregela go duela P25 yo a neng a lopiwa ke khansele.
Le fa go ntse jalo, o boletse gore e re ka jaana go lebega mabitlaa a le mo seemong se se sa siameng ebile go sena ope yo o kgathalang ka one, a tlaa felela a tlhokomelwa ke khansele
“Bagaetsho terata ya mabitla a Mmadipamo e tserwe ke magodu. Bagolo ba rona ba setse mo sebatleng ntateng ya bogodu. Ga re tlotle mabitla gotlhelele, a a ralalwa bosigo le motshegare selo se eleng gore ga se a siama,” ga bua jalo Kgosi Sekai.
O tsweletse a re e re ka go sena tlhokomelo e e lolameng ya mabitla, o ne a kopana le dikgosana tsa Kgatleng ka go farologana gore morafe o kopiwe go letlelela khansele go tlhokomelela e bo e epela Bakgatla mabitla.
A re se se botlhokwa gore morafe o se amogele ka se ka rotloetsa tshomarelo ya lefatshe le go fokotsa bogodu jo bo dirwang kwa mabitleng.
Fa a tswa la gagwe, mongwe wa batsena phuthego, mme Nnaso Molatlhegi o ne a supa fa khansele e tshepisa morafe dilo tse dintsi mme e sa kgone go di diragatsa ka jalo a le sebete se molangwana ka kgang e.
O ne a kopa kgosi gore a netefatse tirisano mmogo magareng ga morafe le khansele fa go epiwa mabitla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 04 Apr 2023