Baroki ba Damochujenaa ba gatetse pele
04 Apr 2023
Puso e tsweletse ka go rotloetsa bomme go ipopa ditlhopha go dira dikoporase bogolo jang mo metseng kwa ditiro gantsi di leng boutsana go bonala teng.
Puso e lemogile gore tiro ya diatla e bogadi bo gaufi ebile e ka thusa go tlhama mebereko le go kgontsha bomme go tlhabolola itsholelo ya malwapa a bone gammogo le go dira ditlhabololo mo metseng ya bone.
Damochujenaa, kwa kgaolong ya Mmadinare ke mongwe wa metse e e babaletsweng ke letlhoko la ditiro mo bontsi jwa banni ba ikaegileng ka go bereka Ipelegeng.
E re ka gotwe go ruta mosadi ke go ruta setshaba, ba mokgatlho wa Good Samaritan ba ne ba tswa setlhabelo go ogola bomme ba Damochujenaa mo isong ka go ba rekela matlapa (metshini e e rokang) go ithuta go roka.
“Ba Good Samaritan ba ne ba baya metshini e e rokang mo tlhokomelong yame mme ke ya mme mongwe le mongwe yo o tlaa eletsang go ithuta go roka mo motseng wa rona,” modulasetilo wa mokgatlho wa baroki kwa Damochujenaa, Mme Gaoleseletse Lefela a tlhalosa.
O tlhalositse fa erile ba sena go wetsa dithuto tsa go roka ba lemoga fa ba sena didirisiwa mme ba tlelwa ke mogopolo wa go ipopa setlhopha gore go nne motlhofo go itshimololela kgwebo ya go roka go na le fa mongwe le mongwe a ikemetse ka nosi.
Se se ne sa tiisa bomme ba moko mme ba tsaya tshwetso ya go dira koporase e e rokang mme e itebagantse le go roka paka ya bana ba dikole ka puso e ne ya tsaya tshwetso ya go emisa gore paka ya sekole e rekiwe kwa ntle ga lefatshe leno.
Bomme ba, le ba bangwe ba metse e mengwe ba ne ba nna maloko a koporase e ntsha e, le fa go santse go tsweletse gore ba thusiwe go bona tse di tlhokegang gore kgwebo e eme ka dinao.
Go na le go nna fela ba iphotlhere ba emetse go thusiwa, ba ne kwadisa khamphani ya DMJ Investments gore ba kgone ba ikopele ditiro tsa go roka mo pusong gore le bone ba obe letsogo gore molelo o tuke kwa malwapeng a bone.
“Re setse re kile ra fiwa tiro morago ga go tsenya kopo mme khansele ya re atla gore re rokele bana ba sekole sa rona se se botlana ba ba thusiwang ke khansele. Tiro eo re ne ra e kgona go sena mathata ape,” ga tlhalosa Mme Lefela.
O tsweletse ka go tlhalosa fa go fiwa tiro ke khansele go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo le ka botswapelo gore puso e tle e ba fe ditiro tse dingwe ba sena pelaelo epe.
Bomme ba DMJ Investments ba ne ba tla ka mogopolo wa go phutholola diphuka go tsoma ditiro tse dingwe tsa puso kwa metseng e mengwe e mabapi mme e rile bosheng ya atswiwa ka tiro e nngwe gape ya go rokela bana ba ba thusiwang ke khansele kwa Serule.
“Re kile ra bo re tsaya gore go dira khamphani le go tsenya dikopo ke selo se se thata mme re lebogela kemo nokeng ya ba Good Samaritan ga mmogo le ba ofisi ya boipelego gore a bo ba tsweletse ka go re rotloetsa le go re bontsha gore le rona re ka kgona mme ka nnete le rona re tshwana le batho ba metse e mengwe.”
A re pele ba ne ba inyatsa ba bona fa go tsenya kopo e le selo se se thata.
Mme Lefela yo dingwaga di masome matlhano, o rotloeditse bomme go tsena mo ditirong tsa diatla mme ba seka ba ikaega ka borre mo malwapeng ka gore botshelo bo thatafalela pele.
O rotloeditse banana bogolo jang go itshwaraganya le ba mokgatlho wa Good Samaritan gore le bone ba rutiwe go roka gore ba tsoge ba itirela letseno, a bo a ba rotloetsa gore le bone ba tsene mo koporaseng kana ba ipope ditlhopha ba tsene mo kgwebong ya go roka.
Maiteko a bomme ba Damochujenaaa a iteetswe legofi ke Reverend Dr Sinah Teemane wa mokgatlho wa Good Samaritan, a tlhalosa fa go bereka le bomme ba Damochujenaa go ne go le motlhofo ka ba ne ba nyoretswe go itirela ka diatla ba sa kope ope.
A re go a nametsa go bona bomme ba eme ka dinao go intsha mo lehumeng, a tlhalosa fa nngwe ya maikemisetso a mokgatlho wa Good Samaritan e le go nonotsha bomme ka go ba tlhatlhelela dithuto tsa go roka le go ba kgothatsa go ema ka dinao go tlhabolola matshelo a bone.
Dr Teemane a re mokgatlho o o tswa kgakala o thusiwa ka madi ke ba lekalana la NAHPA le le itebagantseng thata le bolwetse jwa HIV/AIDS le malwetse a sa tshelanweng ga mmogo le ba European Union gore mokgatlho o kgone o thuse bomme, a tlatsa ka gore ba setse ba thusitse bomme kwa Damochujenaa, Robelela, Tshokwe, Tobane, Selebi Phikwe le Lepokole.
Dr Teemane a re go tshwarela motho tlhapi ga gona boleng go na le go ruta motho go tshwara tlhapi ka jalo ke sone se mokgatlho wa gagwe o ileng wa tsaya matsapa a go ruta bomme ba motse oo le metse e mengwe mo tikologong e le maiteko a go ba nonontsha gore le bone ba kgone ba jese malwapa a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : DAMOCHUJENAA
Event : Puisanyo
Date : 04 Apr 2023