Breaking News

Regoeng o abile ntlo

04 Apr 2023

 “Fifing go tshwaranwa ka kobo.” 

A ke mafoko a Mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Bokone Rre Oabile Regoeng fa a ne a abela Mme Botshelo Baoki wa kgotla ya Moiphetlho kwa Molepolole ntlo morago ga go welwa ke seru sa go shelwa ke ntlo ka 2020.

Mme Baoki o ne a shelwa ke ntlo ya bo ya lora.  

Fa a rola ntlo eo semmuso ka Matlhatso, Rre Regoeng o ne a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e ne ya amogela selelo sa ga Mme Baoki mme ba kgaogelwa ke mpeetshane gore ba bone gore ba ka mokopela dithuso kae.

O ne a boa a tlhalosa gore sebe sa phiri e ne ya nna segajaja sa COVID -19 go ka mo tswa thuso ka potlako mme ba tsaya tshwetso ya gore e re bolwetse bo kokobela ba kgone go mo thusa ka gotwe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Rre Regoeng a re ba tletse boitumelo thata ka jaana ba kgonne go agela Mme Baoki ntlo ya dikamore tse tharo e le go supa mowa wa lerato le popagano.

A re go ya pele ofisi ya gagwe e tsere tshwetso ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ka dithuso go tswa mo Bakweneng le bape fela go supa mowa wa lorato.

 O lebogile ba-na-le seabe botlhe mo tirong eo ya go agela mongwe ka bone.

Mothusa moeteledipele wa khansele ya Kweneng Rre Slumber Mokgosi le ene o iteetse kobo moroko mafoko a mopalamente Regoeng a go jwala mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato mo go bao ba tlhokileng lesego.

O bile gape a tlhalosa fa a tlaa tlhomamisa gore khansele le yone e tlaa tsenya letsogo mo go tlameleng lelapa loo-rra Baoki morago ga go welwa ke seru seo.

Le fa go ntse jalo, o lebogile Mme Baoki ka bopelotelele jo a nnileng le jone a supa gore o ne a na le tsholofelo, mme Modimo o ne a utlwa selelo sa gagwe a mo araba. O ne a kgothatsa setshaba ka kakaretso go nna le tsholofelo mo diemong tse dithata le go ikanya Modimo.

Mokhanselara wa Boswelakoko/St. Paul Rre Boiki Sibisibi o akgotse ofisi ya Mopalamente le komiti ya ditlhabololo le ofisi ya boipelego go tsibogela go thusa mongwe ka bone morago go welwa ke seru.  

Mme Baoki le ene o lebogile mopalamente le badiri ka ene le ba-tsaya karolo botlhe ka kakaretso ka mpho e e kalo kalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Kabo Ntlo

Date : 04 Apr 2023