Kgosi wa pele wa Shakawe o bolokilwe
03 Apr 2023
Dibui ka go farologana di kaile fa Kgosi Kea Lempadi yo o kileng a busa kwa Shakawe a ne a le lorato, a itse go agisanya batho e bile a le pelokgale.
O fitlhilwe ka matlhatso kwa kwa Shakawe.
Kgosi Lempadi yo o neng a le dingwaga di le masome a a ferang bobedi le bongwe, o tlhokafeletse kwa Gaborone kwa kokeleng ya Bokamoso Mopitlo e tlhola masome a mabedi le botlhano.
Mongwe wa dibui, mothusa kgosi wa pele wa goo Tawana, Kgosi Charles Letsholathebe o supile fa a tsenye sekole mmogo le Kgosi Lempadi kwa Batawana National School mme Kgosi Lempadi a ya go nna kwa Francistown kwa a neng a inaakanya le tsa polotiki mo phathing ya Botswana People’s.
Kgosi Letsholathebe a re e ne ya re morago ga sebaka ene le Kgosi Lempadi ba thapiwa ke ba Batawana Tribal Administration mme Kgosi Lempadi a ya go direla kwa Sehithwa e le mokwaledi mo kgotleng ka 1965, a boa a isiwa Shakawe kwa a simolotseng e le kgosi ka 1983 mme morago a tlhongwa go nna moemela kgosi yo mogolwane ka 2008 go fitlha a tlogela tiro ka bogodi ka 2020 a okametse Shakawe le metse e e mabapi.
O supile fa Kgosi Lempadi a ne a rata tiro le morafe wa gagwe e bile a batla gore dilo di dirwe sentle.
Kgosi wa gompieno wa Shakawe Kgosi Mutemo Mbambo yo o berekileng le Kgosi Lempadi o kaile fa a ne a le botlhale a kgona go tshereganya dikgang tsa morafe tse di thata.
Kgosi Mbambo a re ka bokgoni jwa gagwe Kgosi Lempadi o ne a tlhophiwa go nna moemedi wa Ntlo ya Dikgosi ka 2007 go fitlhelela ka 2014.
A re Kgosi Lempadi o ne a le lerato e bile a le kutlwelobotlhoko.
Mopalamente wa Okavango, Rre Kenny Kapinga o ne a re Kgosi Lempadi e ne e le sekao sa boeteledipele jwa popota.
Rre Kapinga a re Kgosi Lempadi o ne a na le tlotlo mo bathong mme a seke a iphitlha ka monwana fa a sa dumalane. Moemedi wa bana, Mme Ipopeng Lempadi o ne a re Lemps jaaka ba ne ba reta rraagwe e ne e le motho wa puo phaa.
Mme Lempadi a re rraagwe o ne a le bogale e bile a ba kaela gore ba nne podi matseba gore ba seka ba tsoga ba sotlega.
A re rraagwe o ne a rata kutlwano, ka jalo a ba tshwaragantse le ba lesika. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SHAKAWE
Event : Phitlho
Date : 03 Apr 2023