Breaking News

Water utilities e tlhoma kgosi

03 Apr 2023

E ne ya re ka Labotlhano badiri ba water utilities mo Selebi Phikwe ba tshwara moletlo wa go baya modiri ka bone, Rre Mahommed Mokhutshwane mo bogosing.

Khamphani ya metsi e dule ka lenaneo la go baya dikgosi mo makalaneng a yone, se e le tsela ya go kgalema botlhoka tsebe jwa badiredi.

Fa a bua kwa moletlong o o neng o tshwerwe go tlhoma Rre Mokhutshwane mo setilong, Kgosi Ishmael Legwaila wa kgotla ya Botshabelo a tlhalosa fa bogosi bo tshwanetse go tlotlwa ka e le jone bo bopaganyang setshaba, ka jalo a rotloetsa bodiredi go fa kgosi Mokhutshwane tlotla le kemo nokeng.

Are le ntswa bogosi jwa water utilities bo tlaa bo bo itebagantse fela le bodiredi jwa yone, bo tshwanetse go reediwa gore khamphani ya bone e tswelele e dira ka bodiredi jo bo nang le boikarabelo. 

O tlhalositse fa khamphani  ya metsi e sa itebaganya fela le go siela Batswana metsi mme e dira ka thata go bopa setshaba ka tsa ngwao le boitshwaro. 

Kgosi Legwaila o ne a rotloetsa Kgosi Mokhutshwane go tlotla setilo se a se beilweng, le go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo gore tiro ya gagwe e nne motlhofo.

Mogolwane mo lephateng la metsi, Mme Keatlaretse Machete a re fa e sale ba simolodisa dikgosi mo khamphaning botlhoka tsebe bo wetse tlase, e bile mowa wa popagano mo bodireding o atile. 

A re dikgosi di agisanya babereki le go ba fa dikgakololo mo dikgannyeng tse di ka kgoreletsang go ntsha maduo mo tirong.

Mme Machete a re go maleba gore ba khamphani ya metsi ba bo ba dule ka mogopolo wa go tlhoma dikgosi go itepatepanya le seemo sa gompieno se batho ba ba gateletsweng ke maikutlo. 

A re se, se thusa thata go ka sidila batho maikutlo ba ise ba tlelwe ke mogopolo o ba ka iphitlhelang ba tsere ditshwetso tse di sa siamang.

E rile a tswa la gagwe, kgosi yo o sa tswang go tswa mo setilong, Rre Daniel Potedi, o ne a rotloetsa kgosi Mokhutshwane go atamela babereki ka ene gore tiro ya gagwe e nne motlhofo. 

A re go nna kgosi ga go reye gore o tshwanetse go lebala tiro ya gagwe, mme o tshwanetse go tswelela a dira ka natla go nna sekao mo go ba a ba eteletseng pele. 

A re maikarabelo a ga kgosi ke go tlhomamisa gore morafe o nna o itumetse gore o kgone go ntsha maduo le go isa ditlamelo kwa setshabeng ka nako.

Fa a amogela thomo, Kgosi Mokhutshwane o solofeditse fa a tlaa tsweledisa fa Rre Potedi a emeng teng go tlhomamisa gore go nna le kagiso mo tirong. 

A re keletso ya gagwe ke go tswelela a berekisana le bogogi jwa kompone le badiri ka se e le sone se se ka dirang gore tiro ya bone e tswelele kwa ntle ga makgwere ape.

A re go le gantsi batho ba kgona go senyegelwa ke tiro ka dilo tse di tshetsane tse di ka bong di ne tsa tsibogelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Peo ya kgosi

Date : 03 Apr 2023