Khansele ya Gaborone e tlaa baakanya ditsela
03 Apr 2023
Puso e tlaa tlhabolola ditsela mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Gaborone Central, Bonnington South le North ka madi a ka tshwarang P14.8 million.
Ratoropo wa Gaborone, Rre Austin Abraham a tlhalositse ka Labotlhno fa ba itumeletse gore ditsela tse di senyegile di tlaa bankanngwa.
A re ditsela tsa go nna jalo di akaretsa tsela ya Marapoathutlwa kwa Block 10.
O kaile gape fa go tlaa agiwa le tsela e e mo Litabi kwa Block 6, go bapa le sekole sa BOCODOL le go bapa le Pula Spar, fa tseleng e e bidiwang Paul Rantao. Tsela e nngwe e e tlaa tlhabololwang o kaile fa e le ya Mafukutswe kwa Block 9 go bapa le sekole sa Rainbow go ya kwa tseleng ya Ledibalakubu.
Tsela ya Mmaraka kwa mapalamelong a dibase go bapa le madirelo a BHC go ya kwa tseleng ya Nelson Mandela le yone e tlaa bankanngwa.
Mapalamente a dikgaolo tse di amegang, Rre Christian De Greef le Tumisang Healy ba kaile fa ba itumeletse ditlhabololo.
Mopalamente wa Gaborone Bonnington South, Rre Greef o tlhalositse fa go le botlhokwa gore mong wa konteraka a dire tiro ka botlalo, a kaya gore ditsela di tshwanetse go nna le boleng gore di seka tsa senyega ka pele. O kaile fa setshaba se ne se lela ka mesima e mentsi mo ditseleng mme a kopa gore mong wa konteraka a dire ditsela ka nako.
Rre Healy wa Gaborone Central o kaile fa a itumeletse ditlhabololo mme a kaya fa puso e imelwa a re o eletsa gore dikhamphane tse di ikemetseng le tsone di ka tsenya letsogo mo go tlhabololeng ditsela.
Mopalamente wa Gaborone Bonnington North, Mme Annah Mokgethi ene o supile fa se, e le maiteko a puso go supa fa toropo ya Gaborone e tshwanetse go nna mo seemong se se kgtlhisang.
O kaile gape fa go supa fa puso e kgathala ka badirise ba tsela mme e bone go le mosola gore di baankanngwe gore ba kgweetsi ba kgweetse mo ditseleng tse di sireletsegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 03 Apr 2023