Breaking News

'Solang matlakala molemo'

03 Apr 2023

Dibui kwa letsatsing la mafatshefatshe la go ipelela itsholelo ya malwapa (world Home Economics day) di supile fa matlakala ka bontsi a le mosola, ka jalo a ka sologela batho molemo fa ba na le kitso ya ka fa ba ka a dirisanga ka teng.

Banni ba gakolotswe go fetola ka fa ba ntseng ba leba matlakala ka teng mme ba itse fa  ba ka kgona go itshetsa ka one mme e bile a ka nna le seabe sa go fetola itsholelo ya bone le ya lefatshe.

Letsatsi le, le ne le tshegeditswe ke khansele ya bokone botlhaba bosheng kwa Masunga ka setlhogo  ‘Go ithuta go dirisa matlakala’. 

Mogolwane mo lephateng la boipelego la khansele, Mme Leagile Pusoentsi o tlhalositse fa letsatsi la itsholelo ya malwapa, le le ketikwang ngwaga le ngwaga le simolotse go ipelelwa mo lefatsheng leno ka ngwaga wa 2002.

A re maikaelelo ke go rotloetsa le go lemosa setshaba botlhokwa jwa tokafatso itsholelo ya malwapa le go ba sedimosa ka maele a a  ka tokafatsang ka teng. 

Mangwe a meale a go itshedisa  ke bo solo mosola matlakala. 

Fa a bua ka go tsaya tsia tiriso ya matlakala, Mme Pusoentsi o ne a re batho ka bontsi ga ba na kitso ya gore matlakala a di tswa tshimong a ka dirisiwa go fepa leruo le go dira menontshane, a re ke ka moo o fitlhelang a gasagasame gongwe le gongwe.

Ka jalo a re go botlhokwa gore e re pele ba latlha matlakala, ba a sekaseke gore a ga se a a ka ba solegela molemo.

Fa a bua mo boemong jwa mokwaeledi wa khansele ya bokone botlhaba, mo golwane wa lephata la thuto mo khanseleng eo, Mme Mafoteng Mahole o tlhalositse fa go tlhabolola itsholelo ya malwapa mmogo le batho ka bongwe ka bongwe ka metlhale e e farologaneng, e le tsela nngwe ya go rotloetsa batho go nna le boikarabelo jwa go kgona go tokafatsa matshelo a bone.

A re lekalana la itsholelo ya malwapa le itebagantse le go tlhatlhelela batho mo go tsa kapei, kgodiso ya bana, botsogo, tlhokomela ya lelwapa, tiriso ya madi le tse dingwe, tse a tlhalositseng di ka ba thusa gore ba kgone go ikemela le go iphetlhela itsholelo.

 O supile botlhokwa jwa go ikaega ka bodiredi jwa lekalana leo go bona bogakolodi jo bo maleba, jo ba ka bo dirisang go inaakanya le ditiro tse ba itshetsang ka tsone.

Mabapi le tlhokomelo le tiriso ya matlakala, 

Mme Mahole o gwetlhile batho go tlhokomela fa ba direlang teng, a re ba tshwanetse ba ele tlhoko ka fa ba latlhang matlakala ka teng go itsa go kgotlela tikologo le lone loapi tota.

A re go tlhoka kelelelo mo tlhokomeleng ya matlakala go ka baya kokomane ka fa mosing, ka e tla fitlhela tikologo e kgotlelesegileng, mo go ka sekeng ga lengwa dijalo dipe mo go yone.

Mo go la gagwe, molomaganya ditiro tsa lephata la tlhokomela matlakala le go laola kgotlelesego ya tikologo (Waste management and pollution control) kwa Francistown, Mme Keeletsang Lesaba a re mo dingwageng tse di kwa moragonyana, kgaolo ya bokone botlhaba e kile ya bo e le nngwe ya tse di gogang kwa pele mo bophepeng.

O kopile banni ba bokone botlhaba go itshekatsheka le go ipaakanya go tlhomamisa gore ba tsosolosa le go tshegetsa mowa wa bophepa mo kgaolong ya bone, a supa fa tlhabologo ya malwapa le bophepa e le di ya thoteng di bapile. Fa a bua ka mosola wa matlakala, o supile fa mangwe a a tletseng kwa mahuting a matlakala a sa tshwanela go ka bo a le koo, mme e le a batho ba ka bong ba a dirisa go itshetsa ka one le go fetola itsholelo ya malwapa a bone.

O kaile fa mafatshe mangwe a humile e bile itsholelo ya one a phatsima, e le kantlha ya go busetsa matlakala mo tirisong. Mme Lesaba o ne a tlhagisa setshaba go ikela tlhoko mo matlakaleng mangwe, a a ka nnang borai mo botsogong le matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : letsatsing la mafatshefatshe la go ipela

Date : 03 Apr 2023