Breaking News

Tautona o nonotsha thuo ya dihutshane

03 Apr 2023

Mo maitekong a go tlhabolola mhama wa temo-thuo ka go ntsihatsa dipalo le boleng jwa dikgomo, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o setse a abile dipoo di feta masome mabedi le boraro lefatshe ka bophara. 

Diphoko le diphelehu tsone ga go buiwe, barui ba dihutshane ba le bantsi ba setse ba a ja mohuhutso wa phatla morago ga gore Tautona a ba abele tse di tlaa ba bekarelang matsomane.

Mongwe wa barui ba ba abetsweng phoko ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi mo maitekong a go oketsa palo le boleng jwa leruo mo lefatsheng leno, Rre Elieas Hambira o galaleditse lenaneo leo, a re fa barui ba ka le atla, lefatshe leno le ka ijesa la ba la rekisa kwa ntle.

Morui yo wa kwa Draaihoek, yo o abetsweng phoko ya Boer goat ka 2020, a re phoko e a e abetsweng ke Tautona e tokafaditse boleng jwa leruo la gagwe mme e bile e mo tsaletse dipotsanyane di ka feta masome a mabedi go fitlha mo nakong eno. 

A re phoko eo e matlhagatlhaga thata mme e bile e setse e ntshitse diphokwana tsa yone o ikaelela go di abela barui ba bangwe go tsweledisa maitlamo a ga Tautona.

Rre Hambira a re e re ka Tautona a tshubile lebone, barui ba tswelele ka go le tukisa ka go abela barui ba bangwe gore maitlamo a go tokafatsa boleng jwa dihutshane le go oketsa matsomane le matlhape a atlege ka go dira jalo go ka direla Batswana khumo le go tlhama mebereko. 

 “Fa ke abetswe phoko jaana, e ntiretse mo lesakeng la me ke ithutile gore ke seka ka nna fela ka yone le nna ke abe bana ba yone. 

Ke mo lenaneong la go aba le nna. 

Fa dipotsane di ntse di oketsega jaana le nna ke tlaa ntsha phokwana ke e abela morui yo mongwe gore re tswelele ka go direla lefatshe la Botswana,” a tlhalosa.

A re barui ba le tsweledise ka gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, mme e bile go dira jalo ke go diragatsa maitlamo a ponelopele ya lefatshe leno ya Tebelopele ya 2036 go nna tshaba e e lorato le kutlwelobotlhoko. 

“Fa tautona a dira jaana o re bontsha gore go tshwanetse go dirwa jang, a le rona re itsose ka go atolosa lenaneo le re thusanye re le Batswana,” a tlhalosa. 

Rre Hambira a re matlhabelo a Tsabong a tloga a bulwa mme e bile ba beile dihutshane dingwenyana gore e re fa go bulwa ba kgone go rekisa. A re go dira jalo go tlaa thusa balemi go rekisa nama kwa mafatsheng a sele ka lemmenyana le le botokanyana.

A re ntswa go ntse jalo, ba lebanwe ke dikgwetlho e le barui mo kgaolong eo ka gore kgaolo eo e tshabelelwa ke leuba le lenyora mme e bile gape ba tshwenngwa ke dibatana tse di ba jelang leruo. 

Ka go twe ka e tlhoka ka tlhoka boroko, ka e rua ka nna ka bo tlhoka, ka go utlwa selelo sa barui sa letlhoko la mmaraka, o ne a rwala ditlhako go batla kwa Batswana ba ka rekisang nama ya bone teng. 

Tse dingwe tse Tautona Masisi a di kgonneng ke go bona mmaraka wa dihutshane kwa Saudi Arabia.

O ne gape a kgona go batlela barua-kgomo ba kgaolo ya Ngami, e e tshabelelwang ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mmaraka kwa Gabon. 

Barui ba ne gape ba nona pelo ka mathe morago ga gore tshekatshakeko ya botsogo jwa leruo la Botswana e atlege kwa mmarakeng wa China. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : DRAAIHOEK

Event : Interview

Date : 03 Apr 2023