Seabe sa kereke mo ditlhabololong se botlhokwa
02 Apr 2023
Kereke e tshwanetse go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse ka go thusa setshaba.
Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o buile se ka Labone fa a akgola lekgotla la baruti la motse wa gagwe jaaka le ne le abela bana ba le supa ba ba tshelang ka bogole jwa Cerebral Palsy di dirisiwa tse ba di tlhokang jaaka melora le metseto.
Kgosi Mosinyi a re go abela bana ba, ke go supa lorato le go kgothatsa ba ba tlhokomelang bana ba ba tshelang ka makoa a a farologaneng.
A re baruti ke bone ba e reng fa go nna le bothata ba bo ba tlisa kgomotso mo malwapeng, ka jalo go itumedisa thata go bona ba supa kgatlhego mo matshelong a botlhe.
O ne a rotloetsa batlhokomedi ba bana ba ba tshelang ka Cerebral Palsy go sa itsapa go fa bana tlhokomelo le lorato, le ntswa go se bonolo go ba tlhokomela.
Fa a rola moono wa letsatsi mokwaledi wa lekgotla la baruti Rre Tladi Lekwapa o tlhalositse fa maikaelelo a modimo e le go tlhokomela semoya sa motho, mme are se, se ne sa ba gwetlha thata go dira maiteko a go alafa semoya sa ba ba tshelang le bone.A re maikaelelo ke go tsosolosa semoya, a tlhalosa fa ngwana a ka se tshele sentle ka go bona motlhokomedi yo sefatlhego le maikutlo a gagwe a nnang a sa itumela a tletse kutlobotlhoko.Rre Lekwapa o rotloeditse setshaba go nna le seabe ka go kgothatsa batlhokomedi are go le gantsi seemo sa bana ga se letle gore ba ka sala ba le nosi mme se, se babalele motlhokomedi kana motsadi wa ngwana.
A re dithuso go tswa kwa pusong ga di lekane ka jalo setshaba le sone se tshwanetse sa nna le seabe.
Mme Tirelo Mogorosi wa kereke ya Jerusalema 12 Apostolic Church in Zion kwa Shoshong o ne a tlhalosa fa didirisiwa tsa bana ba Cerebral Palsy jaaka dikolotsana le dijo tse di haphegileng di tura.
Ka jalo, a re batsadi ba bana ba lebagane le kgwetlho mme ba tlhoka thotloetso ya botlhe.
Mo boemong jwa batsadi Mme Bothepha Disele o ne a lebogela dimpho tse bana ba di abetsweng, a supa fa di tla a ba thusa go fenya maikutlo a boitlhobogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Apr 2023