Breaking News

Kgosi o rotloetsa dikgosana go tsweledisa mowa wa neelano

02 Apr 2023

Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o rotloeditse dikgosana go tswelela ka mowa wa neelano o ba santseng ba o tshegeditse mo nakong eno.

Kgosi Serogola o ne rotloetsa dikgosana kwa bokopanong jwa lekgotla la dikgosana la Ngwato kwa Thabala bosheng.

Are go bo dikgosi di santse di tshegeditse mowa wa neelano ke selo se se itumedisang ka jaana ba e le basireletsi le baletlanyi ebile di thusa go aga puso ya batho ka batho le ya morero mo lefatsheng.

O ne a akgola ba lekgotla la dikgosana go bo ba bone go tshwanela go kopana go buisana le go bona tse ba di kgonneng le tse ba tshwanetseng go tswelela ba di dira mo go tshwaraganeng le puso go aga setshaba.

O ne a tswelela ka go ba rotloetsa go tshwara dithuto-se-ka dipuisano mo isagong go ithuta ka molao le ka ditsamaiso tsa maphata a puso ka go farologana gore le bone ba seka ba salela kwa morago.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Serogola o ne a kgala a sa kgwe mathe bao ba a reng ba batla go kgotlela seriti sa bogosi ka dipolotiki, selo se a boletseng e le go tlola molao ebile se ka kgobera kagiso e e renang mo Botswana.

“Polotiki le bogosi ga gona fa di kopanang teng,” a gatelela jalo.

O ne gape a supa fa a tshwenngwa ke dikgosi tse di iphitlhelang di amega mo bogodung jwa diphologolo tsa naga ka jalo a ba rotloetsa go iphapha ka seo le sone ke ka nyeletsa seriti sa bogosi.

Mo go la gagwe, modulasetilo wa kgaolo ya Ngwato, Kgosi Monyepele Monyepele o tlhalositse fa lekgotla le tlhamilwe la bo la kwadisiwa ka fa molaong ka ngwaga wa 2012 ka thotloetso ya ga Kgosi Kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari Sechele III.

Kgosi Monyepele o boletse fa lekgotla leo le nonofile ebile le tlaa tswelela le thusa go aga lefatshe a re “re tsile go tshuba lebone, e le lebone la kgolagano.”

O tlhalositse fa maikaelelo a bokopano jwa bone e ne e le go supa tse ba di kgonneng e le dikgosi tsa tetlanyo.

“Re na le boikarabelo jwa go sireletsa serodumo sa bogosi le go ruta ba ba tswang kwa tlase gore Kgosi ga e tsene ka fa tlase ga lerole,” a supa jalo.

Are dikgosi tsa tetlanyo di tshwanetse go theogela letsatsi le letsatsi ka gona le dikgang tse dintsi tse di ba tlhokang.

Are jaaka ba tshwaragane le lephata la dikgolegelo mo go ageng magolegwa sesha, ba tlamega gore ba bo ba le teng ka nako tsotlhe go amogela badira melato ba ba weditseng dikatlholo tsa bone.

Mo tse dingwe, Kgosi Monyepele o ne a itela mo go Kgosi Serogola ka tse di ba paledisang go dira tiro ya bone.

“Re itemogela tlhaelo ya dikoloi, mo go ka tlisetsa motho botshwakga mo go ka felelang go babalela lekgotla,” a bua jalo.

Bokopano joo, bo ne bo tsenwe ke dikgosi go tswa kwa dikgaolong tsa Serowe, Palapye, Mahalapye, Mmadinare, Bobirwa le Boteti.

Morago ga bokopano, dikgosi tse di simolotseng mokgatlho di ne tsa abelwa ditlankana go ba lemoga le go ba lebogela tiro e ba ntseng ba tsweletse ka go e dira go thusana le dikgosi tse dingwe le setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : THABALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Apr 2023