Regent Hill e abela sekole sa Mothamo
02 Apr 2023
Ba Regent Hill International School Specialty Lions Club ba tshwaragane le Old Mutual le Mercantile Insurance Brokers ba abetse sekole se segolwane sa Mothamo kwa Moiyabana mephuthelwana ya mesangwana ya basetsanyana e le 600.
Fa a rola dimpho kwa sekoleng sa Mothamo ka Matlhatso, mogolwane wa mokgatlho, Mme Anastasia Chikaonda o supile fa mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi a ne a itshwaraganya le mokgatlho.
A re mokgatlho o na le tsetlana e e itebagantseng le tlhokomelo ya ngwana wa mosetsana ebile ba mo mmeile kwa pele ka a tshwanetse a itse gore o itlhokomela jang gore botsogo jwa gagwe bo itumedise. A re o na le tsholofelo e ntsi gore ba tlaa tswelela ba dira mmogo le Rre Lesedi go tlhokomela ngwana wa mosetsana.
Mme Chikaonda a re matlho le tlhokomelo ya o ne ke nngwe ya dipilara tsa ba Lions Club ka jalo, moithuti ga a a tshwanela go tlhoka go bona se se kwadilweng ebile motho ga a tshwanela go tsamaelwa ke pono go na le gore o ka thusiwa jang. A re Lions Club e ne ya tlhatlhoba baithuti matlho, madi a matona le sukiri.
Fa a amogela mesangwana, mothusa mogokgo wa Mothamo, Rre Thatayaone Basiamise o supile fa sekole se na le dipalo tse dintsi tsa baithuti ebile se feta dikole tse dikgolo tse nne e leng tsa Moeng College go bapa le motse wa Ratholo, Macha College kwa Kang, Ghanzi le Tsabong Unified ka dipalo.
O supile fa matlwana a borutelo kwa sekoleng seo, a sa lekane baithuti ka dipalo tsa bone di tsamaya kwa go 1 300. Rre Basiamise a re go molemo go bona botsadi bo ba gopola ka itsholelo ya bontsi jwa baithuti ba sekole e le kwa tlase.
O supile fa seemo se ngwana a sa iponatseng kwa sekoleng ntateng ya gore o mo malatsing se sa batlege. Rre Basiamise a re ngwana o tshwanetse a tsena sekole, a tlsatsa ka gore dimpho tse di tshwanang le mesangwana, di ka ba kgontsha tiro.
O gakolotse baithuti go sa itlhoboge mo botshelong, a re fa dithuso di tla, di tshwanetse di ba rotloetse mme ba bone gore go na le mongwe kwa ntle ga sekole yo o akanyang ka bone.
Rre Basiamise o gwetlhile baithuti go dira ka natla gore ba nne le thulaganyo ya botshelo jwa bone gore ba sologele setshaba molemo, le bone ba tle ba kgone go thusa Batswana ba bangwe.
Rre Lesedi ene o kaile fa Mothamo e le sengwe sa dikole tse di sa mo robatseng ka a itse dikgwetlho tsa sone.
A re dipalo tsa baithuti di kwa godimo ebile boroko jwa barutabana le matlwana a borutelo di a tlhaela mme a solofetsa go tswelela a kopa tse di tlhokegang gore barutabana ba dire tiro ya bone ka manontlhotlho.
Rre Lesedi a re o aga a tshwenyegile ka baithuti ba Mothamo, bangwe ba bone e le ba ba nnang mo sekoleng fa bangwe ba tswa kwa diemong tse di thata.
O supile fa go sa nyadiwe sepe mme go lemogiwa maiteko a batsadi gore fa dikole di bulwa, ba leka ka bojotlhe go rekela baithuti mo go lekaneng.
A re o ne a buelelela dikole tsa kgaolo ya gagwe tse di fang bana boroko mme Lions Club ya atla kopo ya gagwe. Rre Lesedi a re baeteledipele ba tlamega go thusa fa ba bonang go tlhokega teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOIYABANA
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Apr 2023