Madori o itshetsa ka go boka
30 Mar 2023
Poko ke nngwe ya dikarolo tsa puo ya Setswana tse di tswang goo-Lowe di dirisiwa go natetsha mediro, manyalo le gone go reta motho kana sengwe se morafe o se ratang.
Mo godimo ga moo, poko ke nngwe ya ditalente tse bontsi jwa Batswana ba di abetsweng mme e bile ba di dirisa go itshetsa ka tsone.
Mongwe wa Batswana bao ke Rre Boikotlhao Madori wa Ditshegwane mo kgaolong ya Takatokwane.
Rre Madori a re o dumela gore ene o tshotswe e ntse e le mmoki mme o itemogetse jalo ka 1986 fa ba ne ba golega dikgomo mme fa ba bangwe ba di betsa ka seme ene o ne a di boka mme di mo reetse.
A re selo seo se ne se kgatlha basimane ba a neng a gola le bone mme ba mo kgothatsa go dira jalo kgapetsakgapetsa. O ne a supa fa go ne go na le mmoki mongwe mo Ditshegwane a tumile ka poko mme ya re ka 1989 a tlhokafala mme ga rena bodutu mo motseng.
Rre Madori a re ka 1991 fa a dira mophato wa bobedi kwa sekoloeng sa Mahupu kwa Takatokwane, o ne a tsenelela dikgaisanyo tsa go kwala leboko mme a tswa ka maemo a ntlha ka leboko la gagwe le ne le kwenne ka diane le manatetshapuo.
A re e sale nako eo a lemoga talente ya gagwe mme a simolola go e nonotsha ka go ithuta puo ya Setswana le go se anywa mo bagolong.
O ne a tlatsa ka go re poko ke selo se se batlang motho yo o kelelelo e bile a kgona go tshameka ka puo.
Rre Madori a re go goleng ga gagwe o ne rata go boka dilo ka bontsi mme ga nna motlhofo gore e re a boka a bo a tutetse ka Setswana se se nonneng.
A re buka ya ga Kgomotso Mogapi ya Thutapuo ya Setswana e mo rutile go le gontsi mme a kgona go dirisa mafoko ka bonokopila le bokgabane.
A re mongwe wa diopedi tse di mo fang Setswana sa motia e bile se rokotsa mathe ke Ditiro Leero ka Setswana a se amule.
O ne a supa fa dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona di ne tsa mo fa tsholofelo ka jaanong a ne a dirisa talente ya gagwe go dira letseno.
A re o ne a nona pelo ka mathe ka jaanong a ne a segetswe mo lefureng mme a kgona go phadisana le ba bangwe ka mashetla mme seo sa sega motlhala wa poko ya gagwe.
Rre Madori a re mo phadisanong ga gagwe o ne a tsaya maemo a a botoka mme a supa fa e rile ka 2016 a kgona go ya go phadisana le ba bangwe lefatshe ka bophara.
“Ga ke tsee talente ya me lolea, ka e le jone botshelo jwa me le bongwanake. Ke rutile bongwanake gore poko e tshwanetse ya duelelwa ka ke se Modimo a se ba fileng gore ba tshele ka sone.”
Mmoki yoo, yo o itsegeng thata mo kgaolong ya Letlhakeng, o tumile ka go dira ka bokgabane mo medirong ka go farologana mme bontsi ga bo ke bo tlhoka go anapa dipata go lebogela tiro ya gagwe.
A re o leboga go menagane Rre Lazarus Monnatsie yo a mo alositseng go tswa bonyenyaneng ka gompieno o godile ke mmoki yo e bileng a itsege lefatshe ka bophara.
Rre Madori a re o dumela gore talente e a nang le yone ke ka tlhotlheletso ya mowa wa Modimo ka gore o kgona go makala a ipona a boka ka tsela e e kgethegileng.
A re o lebogela dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona ka di ne tsa mo fa sebaka sa go itsege.
Rre Madori a re poko mo go ene e tshwana le motho a anwa metsi, ka ene a kgona go tomoga fela a bo a boka go sena tsapa le mo fisang pelo jaaka bangwe ba batla go fiwa nako ya go ipaakanya.
“Ke atlegile fela thata, setshaba se a nkitse e bile ke lalediwa go boka mo manyalong le mediro ka go farologana mme seo se nthusa go dira letseno”. O ne a tlatsa ka go re o setse a tsamaile lefatshe la Botswana a lalediwa go boka mo manyalong mme batho ba itumelela tiro ya gagwe.
A re o setse a kile a ya mafelong a a neng a sa a itse jaaka Metlobo, Mosetse, Charleshill, Sebina le Nshakashokgwe mme o tsamaya le mosadi wa gagwe ka e le ene a mo leletsang mogolokwane.
Rre Madori a re mo nakong ya gompieno o kwala buka ya maboko ya bana ba ba kwa tlase mme morago o ya go dira maboko a bagolo. A re o leboga Modimo gore bana ba gagwe ba anywile go le gontsi mo go ene mme e bile ba setse ba simolotse go dirisa talente ya bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 30 Mar 2023