Breaking News

Mokwatla wa Bomme o rotloetsa bonatla

30 Mar 2023

 Bomme ba rotloeditswe go ema ka dinao go tsosolosa bokgoni jo ba nang le jone go itshetsa, go itsa go ikaega ka borre mo malwapeng.

Go ikaega ka borre mo, go supilwe fa go na le seabe mo go itshokeleng kgokgontsho e e tsweletseng ka go gapa matshelo a bomme. 

Moeteledipele wa mokgatlho wa Mokwatla wa Bomme, Mme Gosego Mmolawa o buile kwa Tsabong ka Laboraro gore Mokwatla wa Bomme o tlhamilwe ka 2020 morago ga go itemogela kgokgontsho e e mashetla ka nako ya COVID-19 ka dipalo di ne di supa fa dititeo di ne di ile magoletsa mo malwapeng mme bontsi jwa tsone di ama bomme.

 Mme Mmolawa a re o tswa kgakala a kgothatsa bomme mo seromamoweng mme jaanong o tsere kgato ya go etela bomme ba ba mo metseng e e kgakala le ditlamelo go simolodisa ditiro tsa diatla gore bomme ba itirele ka seo se ka fokotsa dikiteo mo malwapeng.

A re tiro ya gagwe e atlilwe ke ba Lucara Botswana, khamphani  e e neng ya mo thusa go tsena mo metseng a rutuntsha bomme. Mme o tsweletse ka go kopa dikhamphani tse dingwe go mo rotloetsa go tsena mo metseng e e farologanyeng go thusa bomme.

Mme Mmolawa a re kgokgontsho ya bong e ka fokotsega fa bomme ba ka ikemela ka dinao ba itirela, ba nna le sengwe se ba se dirang go na le go emela borre gore ba ba fepe.

A re tiro ya gagwe ke go tsosolosa bomme gore ba ntshe bokgoni jwa bone mme ba itshetse ka diatla tsa bone. 

O ba rotloetsa gore ba ipope digongwana ba dire tse di farolonyeng tse di tlhokwang mo metseng ya bone.

Moeteledipele wa mokgatlho o tlhalositse fa gape ba na le mokgatlho wa bomme wa Mpululu Majotia wa bomme ba ba letsang mogolokwane ba bo ba atswiwa.  

O lebogetse bomme ba Tsabong gore ba bo ba ne ba ipopa ba simolola go dira tshingwana ya merogo, jeme ya lerotse, kofi ya motlopi le go dirisa dikhakha go dira dibeke.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi David Toto II wa Tsabong a re bomme ke thari ya sechaba, ka jalo go botlhokwa gore ba ikemele ka dinao ba itirele. A tlhalosa jalo gore motse o thata ka bomme ka ba dira ditiro tse di faphegileng.

Bomme ba tlhodilwe ke Mmopi ba le pharologanyo, ka jalo ba tshwanetse ba ema ka dinao go dira bomolemo go boloka setshaba.

Ka jalo o ne a lebogela bomme go ema ka dinao go dirisa diatla tsa bone go ntsha dithoto go tokafatsa matshelo a bone. 

Moeteledipele wa mokgatlho oo mo Tsabong Mme Lizzie Dekorker a re Mokwatla wa Bomme o aname mo Tsabong mme go ne ga kopiwa gore bomme ba le batlhano go tswa mo dikgotlaneng tsotlhe tsa Tsabong ba o tsenelele.

A re ba gatetse pele ba itebagantse le go lwantsha kgokgontsho ya bong le go ikemela ka dinao go itirela go na le go leba mo go borre. 

Mo nakong eno ba tsweletse ka go dira tse di ka ba thusang gore ba itshetse mme ba ikaelela go lema merogo.

O supa gore moono wa bone ke gore ba nne teng nako le nako fa kgosi a epa pitso go isa serodumo sa motse kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 30 Mar 2023