Twantsho borukutlhi e batla tshwaragano
30 Mar 2023
Go botlhokwa go tshwaragana le mapodisi mo go lwantsheng borukutlhi.
Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng o boletse jaana fa a simolodisa lenaneo la ntebele ke go lebele le go tlhopha maloko a komiti a lone kwa kgaolong ya Magokotswane mo Molepolole bosheng.
Ka jalo o ne a rotloetsa banni ba Magokotswane go tshwaragana le mapodisi ka jaana e le maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go hema le go lwantsha borukutlhi.
O ne gape a gwetlha batsadi go ela tlhoko ka fa ba godisang bana ka teng ka jaana seo se le botlhokwa mo go ageng boitsholo jwa bone go ya pele.
O ne a rotloetsa banana go ikgolaganya le ba diofisi tse di thusang ka mananeo a puso le go a dirisa, a re go dira jalo go ka thusa go ba ntsha mo mebileng.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa ntebele ke go lebele wa kgaolo ya Kwena Sereto, Rre Sebilo Motlhaping a re ba itlamile go tshwaragana ka jaana borukutlhi bo tsweletse ka go gola mo kgaolong, selo se a boletseng fa se ne se dira gore batho ba itaane ka noga e utlwa ka jaana dirukutlhi tseo e le bana ba kgaolo.
O tlhalositse fa ba tlaa dirisana le komiti ya Magokotswane go fokotsa borukutlhi jo bo apesitseng dikgaolo tseo kobo ka letshoba.
Rre Motlhaping a re ba itemogetse koketsego ya borukutlhi bo tshwana le go thujwa ga matlo le go utswiwa ga malatlha a dikoloi mme seo se bakwa ke go dirisa botlhaswa ga nnotagi ga banana.
“Komiti e ya rona ya ntebele ke go lebele e ka thusa go menagane go lwantsha borukutlhi,” ga tlhalosa Rre Motlhaping. Mo go la gagwe, Detective Sergeant Adam Abofilwe go tswa kwa lekalaneng la botlhotlhomise le le lwantshwang tiriso ya ditagi, a re ba itemogetse fa go na le tiriso e e kwa godimo ya se gantsi ba se bitsang katse (CAT).
Le fa go ntse jalo, a re ba tsweletse ka go ruta ka borai jwa tiriso ya nnotagi le diritibatsi lefatshe ka bophara, a supa fa diritibatsi le nnotagi di na le ditlamorago di akaretsa go koafala ga botsogo jwa motho ka jaana di ama makgwafo le tlhaloganyo.
Rre Seabe Ramorutwana yo e leng legolegwa la pele a re o ikemiseditse go tsibosa bana le batsadi ka bodiphatsa jwa borukutlhi. A re o itemogetse fa botlhoka tsebe jwa bana bo bakwa ke go tlhoka tirisanyo mmogo ya batsadi le bana mo malwapeng.
Ka jalo o ne a kopa batsadi go tshwaragana mo kgodisong ya bana le go ba kgalemela fa ba tswa mo tseleng. Mme Rachel Sebinyane yo e leng mmega dikgang wa tsa borukutlhi a re go botlhokwa gore setshaba se amogele batho ba ba kileng ba ya kgolegelong ka jaana go ka ba thusa go itemoga boleng mme ba seke ba raelesege go boela mekgwa ya pele.
A re tiro e tona ya dikgolegelo ke go aga magolegwa sesha mme ba busediwe mo setshabeng e le banni ba ba nang le boikarabelo.
O boletse fa ba na le boitseanape le botlhale jo bo ka thusang mo go ageng setshaba, ka jalo banni ba seka ba ba leba ka leitlho la kilo le go belaela gore ga ba ise ba fetoge. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Twantsho borukhutlhi
Date : 30 Mar 2023