Lephata la dikgolegelo le aba tanka ya metsi
29 Mar 2023
Go thusa ba ba neng ba le mo dikgolegelong go itshetsa go botlhokwa ka go ba fa tshepo le go hema gore ba seka ba kgatlhwa ke dilo tse di duleng mo tseleng tsa tloga tsa ba busetsa kgolegelong.
Ntswa lephata la dikgolegelo le ne la bona go tshwanela gore le akaretse setshaba mo lenaneong la popo-sesha ya magolegwa, go dira jalo go ka nna le maduo fa ba na le methale ya itshetso, ka jalo ba ne ba simolodisa dikomiti mo metseng go tshwaraganela tiro.
Komiti e, e akaretsa magosi, makhanselara, baruti le badira melato ba pele.
Mookamela kgolegelo ya Serowe, Senior Superintendent Mosomi Mosweu o buile jaana kwa kabong ya tanka e e neng e tshwerwe kwa Motshegaletau ka Labone.
O tlhalositse fa Rre Kgomotso Baakile, yo o kileng a tsena kgolegelo e le leloko la komiti e, a ile a ba kopa go mo thusa ka tanka e e tlaa mo thusang mo kgwebong ya gagwe ya merogo.
“Rre Baakile o ne a itela mo go rona a kaya fa a na le keletso ya go tsweledisa temo ya merogo e a e ithutileng kwa kgolegelong mme a itemogela tlhaelo ya metsi. Rre Baakile o ne a sale a itshupile fa a rata go lema e bile e le mongwe wa batshephiwa.
Re ne ra seka ra akanya gabedi go diragatsa kopo ya gagwe,” a tlhalosa jalo.
Sen. Supt Mosweu o ne a kaya fa lephata la dikgolegelo le ikaeletse go diragatsa toro ya setshaba ya ngwaga wa 2036, le ikaegile thata ka letshego la go tlhabolola motho.
“Go ka re swabisa thata fa re ka bona badiramelato ba ba feditseng dikatlholo tsa bone ba boela gape mo kgolegelong e le ka mabaka a gore ba tlhokile ba ba ka ba tshegetsang jaaka ba simolola botshelo kwa ntle ga kgolegelo,” a bua jalo.
E re le fa a santse a lemela merogo ya gagwe mo lwapeng, Sen. Supt Mosweu a re ba eletsa go bona Rre Baakile a atolositse temo ya gagwe e bile a gorogile mo seemong se a ka kgonang go jesa Motshegaletau, bogolo thata mo nakong e go santseng go na le kiletso theko ya merogo go tswa kwa mafatsheng a sele.
Fa a amogela mpho, Rre Baakile o ne a supa fa a itumetse ka selelo sa gagwe se ne sa reediwa e bile o solofetsa fa a tlaa dirisetsa mpho e se a se e kopetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : MOTSHEGALETAU
Event : Kabo mpho
Date : 29 Mar 2023