Breaking News

Ba le babedi ba tlhokafetse ka kotsi ya koloi

29 Mar 2023

Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone koloi ya modiro wa Toyota Prado e e neng e pegile bapalami ba le barataro go balelwa le mokgweetsi e neng ya pitikologa mme ga tlhokafala bapalami ba le babedi.

Kotsi e, e diragetse ka Matlhatso, mo tseleng ya Monong-Hukuntsi dikhilomethara tse di ka tshwarang masome a mabedi go tswa Hukuntsi. 

Mo puisanyong le BOPA, mookamela mapodisi  a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa kotsi eo, e diragatse mo phirimaneng ya letsatsi la Matlhatso, mme mapodisi one a amogetse pego ka nako ya boferabobedi mo bosigong joo.  

A re mapodisi le dingaka ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo, mme ba kgona go thusa bapalami bao, ba ba ragogosetsa kwa kokelong e potlana ya Hukuntsi. 

A re ka maswabi, dingaka di ne tsa supa fa rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi gammogo le mme wa dingwaga tse di masome mabedi le bone ba tlhokafetse.

mookamedi wa mapodisi o tlhalositse fa moswi wa rre a tlholega mo Hukuntsi fa wa mme ene a tlholega kwa Ncaang. 

A re ba losika ba setse ba itsesitswe ka tiragalo eo, mme direpa tsone di santse di tshegeditswe mo setsidifatsing sa kokelo e potlana ya Hukuntsi, go emela go romelwa kwa Princess Marina, go bona se se ka tswang se bakileng dintsho. 

A re mokgweetsi le bapalami ba bangwe ba bararo ba ne ba tlhatlhojwa mme ba gololwa ka jaana ba ne ba falotse ka dikgobalo tse di seng kalo.

Le fa go ntse jalo, mookamedi wa mapodisi o supa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. 

Supt Jorowe o ne a supa fa go tswa ngogola go fitlha kgwedi eno, ba setse ba gatisitse dikgang tsa dikotsi tsa dikoloi tse di gapileng matshelo a  batho ba le batlhano mo kgaolong ya bone ya sepodisi. 

A re dipalo tseo, ga di jese diwelang, ka jalo a gwetlha bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe le go emisa go kgweetsa ba lapile thata.

O ne  a tlatsa ka go ba rotloetsa go netefatsa gore ba pega bapalami ka dipalo tse di lekanetseng go itsa mosuke mo koloing, a re mosuke o borai. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Kotsi ya koloi

Date : 29 Mar 2023