Breaking News

Leruo pinagare ya itsholelo

28 Mar 2023

Barui ba Thamaga le Kumakwane ba rotloeditswe go inaakanya le tsa temo-thuo go tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno.

Ntswa itsholelo ya Botswana e ikaegile ka diteemane, bojanala le makgetho, go supagetse fa temo-thuo e ka solegela lefatshe molemo, bogolo jang ka puso e tsweletse ka go tlhabolola mhama o.  

Mothusa tona wa tsa Temo- thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o buile jaana ka Laboraro fa a ne a tshwere phuthego ya kgotla ya go itsese banni ka mananeo a puso e a dirileng go tokafatsa temo-thuo.

“Nama ya lefatshe leno ke ya boleng jo bo kwa godimo, e bile e tseelwa kwa godimo mo mebarakeng ya yone,” ga bua jalo mothusa tona.

O rotloeditse balemi-barui go tshwaragana le go dirisanya ka seo se ka ba thusa mo go intsheng mo lehumeng le le gomagometsang lefatshe leno, ka thuo ya kgomo e ama mongwe le mongwe.

Le fa go ntse jalo, Rre Molebatsi a re go a tshwenya ka go supa fa barui bangwe ba sa dirise mananeo a puso e a tsisitseng go tlhabolola leruo.

A re barui ba nne moko o thata fa ba kopana le dikgwetlho, ka tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone.

“Fa lefatshe le ntse le tlhabologa, le kgaoganngwa ka tiriso, dikgaolo tsa bophirima di tlhophetswe go itebaganya le thuo, fa tsa botlhaba di akaretsa Kweneng, di itebagantse le temo go tokafatsa seemo sa dijo tse lefatshe leno le ka di itirelang go oketsa thobo,” ga bua Rre Molebatsi.

O tlhaloseditse balemi-barui gore mo maitlamong a go tokafatsa thuo, puso e tsisitse maranyane a sesha a a kgonang go supa se kgomo e se jeleng, ka jalo di bo di sa rekwe fa di na le malwetse mangwe.

Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi a re puso e boetse morago pego e e neng e supa fa motho a tshwanetse go ntsha madi fa a fitisetsa setsha kwa go yo mongwe.

A re thulaganyo eo, maikaelelo magolo a yone ke go tlhofofatsa gore balemi-barui ba kgone go nna le lefatshe ka seo se ka dira gore ba kgone go ikemela le mo dipakeng tsa komelelo.

Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane, Rre Palelo Motaosane ene o ne a re o itumelela gore kgaolo ya Kweneng ke nngwe ya tse di tlhophilweng go itebaganya le go thusa go ntsha thobo e e kwa godimo ya lesika la mabele le dinawa go ka itshetlela mo dipakeng tsa seemo se se sa iketlang sa loapi.

O ne gape a re matshwenyego a gagwe a  mo go beng ba diterekere ba ba senang tirisanyo mmogo le balemi ka ba sa sale ditsetlana tse puso e di ba beileng pele morago. 

A re fa tirisanyo mmogo e ne e le teng thulaganyo eo e kabo e fefosa tiro.

Banni ba Kumakwane ba re ba tshelela mo selelong sa go amogwa dikgomo ke magodu, ka jalo puso e gagamatse melao le dikatlholo tsa melato ya bogodu jwa leruo.

Ba remokgwa oo o gakaditswe ke gore manyena a dikgomo a motlhofo gore a ntshiwe mme ba kopa gore omang yo o jesiwang  dikgomo a busediwe go sireletsa leruo.

Fa a ntsha matshwenyego a balemi-barui ba Kumakwane Mme Neo Joseph o ne a re ba ipopile go thusana ka methale ya go tokafatsa boleng le selebego sa temo-thuo mo motseng.

“Re dirile jalo go godisa itsholelo ya lefatshe ka mabaka a gore mo dingwageng tse di fetileng borraronamogolo ba santse ba tshedile temo-thuo ya lefatshe leno e ne e nametsa mme ka ntata ya go tlhoka dikitso le ditlamelo e ne ya fokotsega,” ga tlhalosa Mme Joseph.

Banni ba Thamaga bone ba ne ba re matshwenyego a bone ke gore ditsela tse ba di dirisang go ya merakeng di tlhoka go tlhabololwa gore baji-bareki ba kgone go goroga kwa go bone.

Ba re ditlamelo le bodiredi mo motseng ga di lekane go akaretse motse wa bone, ka jalo ba kopa go okelediwa bodiredi bo akaretsa  balemisi le bakenti.

“Ke kopa ba lephata la temo thuo ba rutuntshe batho, bogolo jang ka malwetse a leruo a tsweletse ka go tlhagoga. 

Re santse re na le tsholofelo ya gore temo-thuo ya kgaolo ya rona e tlaa tokafala gore e kgone go re tshetsa,” Rre Oageng Mathebedi a latlhela la gagwe.

E re le ntswa banni ba Thamaga le Kumakwane ba ne ba lebogela megopolo le dikgakololo, bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka mananeo a puso e a dirileng ba re badiredi ba maphata a puso ga ba ba thuse ka botswapelo, ka jalo ba felela ba kgobega marapo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 28 Mar 2023