Breaking News

Serame o abetse kereke madi

27 Mar 2023

 Tona wa madi, Mme Peggy Serame o abetse kereke ya UCCSA, ya Mookane, P5 000 go e rotloetsa mo ditirong tsa yone tsa boithaopo.

O abile mpho e ka Matlhatso morago ga mogwanto wa sekgwa, o a neng a laleditswe go nna motsamai-mogolo wa one. 

O ne gape a abela Mookane UCCSA P1 000, go tswa kwa go mokhanselara wa Mookane, Rre Thebe Setlalekgosi yo o neng a sa kgona go tla mogwantong.

Fa a rolela  Moruti Laone Okie wa Mookane UCCSA mpho e, o ne a lebogela maloko a kereke seabe sa bone mo tlhabololong ya matshelo a setshaba ka go tsibogela dikgwetlho.

Mme Serame a re o bone go tshwanela, e le ngwana wa Modimo, gore a nne le seabe mo mogwantong o, a supa fa Moruti Okie a sale a mo kopile go tla go gwanta le bone ka Phalane ngogola.

“Le dirile se le tshwanetseng go se dira le le bana ba Modimo mo setshabeng ka gore fa o obamela ditaelo tsa Modimo go a go segofatsa,” ga bua tona. 

“Petere 1, 4:10 e re ruta gore re tshwanetse re direle ba bangwe ka fa re kgonang ka teng, le ka fa re filweng ka teng ka go farologana, mme le Baroma 12:13 e re rotloetsa gore batho ba Modimo ba re tshelang le bone fa ba na le matlhoko re tsibogele go ka ba thusa,” a tlatsa.

O akgoletse kereke e tiro e e ithaopetseng go e dira mo matshelong a batho. 

Ka jalo o ne a ba rotloetsa gape go itshwaraganya le ba boipelego, dikole le baeteledipele ba bangwe mo motseng go thusa go tlamela.

Tona o kopile phuthego go rapelela baithuti le bodiredi ka kakaretso, le go tshwaragana le dikole ka go thusa go sidila maikutlo a baithuti ka diemo tse ba lebaneng le tsone, tse gape di ba kgoreletsang go dira sentle mo dithutong.

Mo godimo ga moo, Mme Serame o kopile maloko a kereke go rapelela boeteledipele jwa lefatshe le kagiso e e renang mo Botswana gore e tswelele. 

O ne a akgolela maloko a UCCSA go bo a bone go le botlhokwa go rulaganya mogwanto o, a re se ke tsela nngwe ya go itshidila mmele le go lwantsha makoa a a ka tswang a le teng mo mebeleng ya bone.

Se Mookane UCCSA e se dirileng, tona a re se supa fa kereke e, e ikaegile ka lefoko la Modimo la go supa lorato. 

Fa a amogela mpho, Moruti Okie o supile boitumelo go bo Tona Serame a kgonne go atla kopo ya kereke go nna le seabe mo mogwantong, a bo a lebogela dimpho tse tona le mokhanselara ba di ba abetseng.

Moruti Okie a re P7 800 yo Mookane UCCSA e kgonneng go mo kokoanya mo tirong e, o tsile go thusa kereke mo go tsamaiseng ditiro tsa yone tsa boithaopo jaaka go lwantsha kgokgontsho ya bong le go tlhama mebereko.

Mo nakong eno, a re phuthego ya kereke e santse e gola ka e na le maloko a le 45, mme ba sa ipone tsapa, ka jalo ba inaakantse le go thusa mo ditirong tsotlhe tsa morafe. 

Ka maiteko a go thusa go kokoanyetsa kereke madi, go tlhama mebereko le go thusa mo letlhokong la baithuti ba Mookane Juniour Secondary School, a re ngogola kereke e ne ya simolodisa kgwebo ya thuo ya dikoko. 

Go ya pele, a re ba ikaelela go tswelela ba rulaganya mogwantong o le ditiro tse dingwe tse di ka thusang mo go kokoanyetseng kereke madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MOOKANE

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Mar 2023