Breaking News

Lephata le tshwere seelo sa ngwaga

26 Mar 2023

Lephata la kabo ditsha la Barolong le le neng le ipeetse seelo sa go aba ditsha di le sekete le makgolo a supa le setse le fetisitse palo eo.

Ntswa ba fetile seelo sa bone, ga ba ise ba kgone go aba ditsha mo metseng mengwe ya Morolong ka ba diilwe ke mealo go tswa kwa maphateng a mangwe a ba dirang le one.

Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha la Barolong, Mme Gloria Segokgo o buile jaana kwa Makokwe kwa lephata le neng le ile go abela ba ba tlhokileng lesego dijo le dikobo.

A re le fa go ntse jalo, ba na le tsholofelo e ntsi ya gore mo nakong e khutshwane ba tlaabo ba setse ba kgonne go thusa kwa ba iseng ba abe teng.

Mme Segokgo o ikuetse mo banning ba Morolong gore ba emise go rekisa ditsha ka jaana motho a fiwa setsha gangwe fela.

O supile fa mokgwa o wa go rekisa ditsha, segolo jang tsa bonno le masimo o dirwa thata ke banana.

A re mokgwa oo ga o a siama ka gore lefatshe ga le oketsege mme thekiso eo fa e ka tswelela, Batswana ba tsile go felela ba sena kwa ba nnang teng.

Mme Segokgo a re se se ngomolang pelo ke gore ditsha tseo di rekisiwa ka madi a mannye a morekisi a felelang a palelwa ke go itshetsa ka one.

Mogolwane wa kanamiso mafoko mo lephateng la ditsha le merero ya metsi, Rre Kaelo Kaelo le ene o ne a gatelela mafoko a ga Mme Segokgo gore thekiso ya ditsha e a tshwenya.

O tlhalositse gore Batswana ba na le go rekisa ditsha mme e re go ise go ye kgakala ba bo ba boa gape ba re ba tingwa ditsha di fiwa batswakwa.

Rre Kaelo o kopile Barolong gore ba iketlele go rekisa ditsha ka jaana lefatshe e le lone le ba ka itshetsang ka lone le dikokomana tsa kamoso.

Lephata leo la kabo ditsha la Borolong le tsamaile mo metseng ya Makokwe, Ditlharapa, Molete le Mokatako le abela batlhoki le ba-na-le bogole dijo le dikobo, ba diragatsa mangwe a maitlamo a bone a go thusa setshaba.

Ba abetse batho ba roba bobedi ka thuso ya dikhamphani di tshwana le Mustapha’s Center, Excavator hire ga reng ga tse dingwe. ENDS

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MAKOKWE

Event : Meeting

Date : 26 Mar 2023