Breaking News

Ditlhare di na le seabe mo botsogong jwa batho

26 Mar 2023

Ditlhare di botlhokwa thata ka jaana di na le seabe se segolo mo botsogong jwa batho.

Modiri mo ofising ya ga molaodi ya Bokone Botlhaba yo o lebaganeng le tsa tokafatso maduo, Rre Nonoka Siku o buile jaana kwa letsatsing la go ipelela dikgwa le temo ya ditlhare kwa Mosojane bosheng.

Rre Siku a re tikologo e e kgabileng ka ditlhare e kgona go fedisa khuduego ya maikutlo mo bathong, ka jalo o ne a rotloetsa batho go lema ditlhare mo makalaneng ka go farologana a a mo metseng ya bone, jaaka kwa dikgotleng, dikokelong, dikoleng le mo malwapeng tota.

O boletse fa ditlhare di le botlhokwa ka jaana di thusa go phepafatsa phefo e e hengwang, go lwantsha bosekaka le phetogo ya loapi mme mo godimo ga moo dingwe di ka dirisiwa e le melemo e e ka tlhabantshang malwetse.

A re ka jalo go botlhokwa gore dikgwa di sirelediwe kgatlhanong le go angwa ke melelo le go rengwa, tse a tlhalositseng e le dingwe tsa tse di tshwenyang mo kgaolong eo.

O boletse fa letsatsi la mafatshefatshe la go ipelela dikgwa le simolodisitswe ka maikaelelo a go leka go tsibosa batho ka botlhokwa jwa dikgwa le ditlhare ka go farologana, a tlatsa ka go re go lema ditlhare go ka thusa lefatshe leno go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya 2036 la ‘Sustainable Environment’.

Rre Siku a re setlhogo sa monongwaga se se reng Dikgwa le Botsogo (Forest and Health) se supa fa e le ruri ditlhare di le botlhokwa mo botsogong jwa batho.

A re ka jaana letsatsi leo la dikgwa le ipelelwa ka go jwalwa ga ditlhare, setshaba sa Mosojane se tshwanetse sa ipela ka seo, ka jaana di tlaa ba sologela molelo mmogo le dikokomane tsa bone.

Rre Siku o ne a tlhalosa fa a itumedisiwa ke go bo kgaolo ya Bokone Botlhaba e gatetse pele mo maitekong a go jwala ditlhare, a supa fa mo ngwageng wa madi wa 2022/2023 e kgonne go jwala ditlhare di le 11 210 mo seelong sa yone sa 13 500.

O ne a gwetlha morafe wa kgaolo eo go nna le seabe mo maitekong a go lema le go somarela ditlhare, a supa fa lephata la dikgwa ka nosi le ka seka la kgona go fitlhelela maikemisetso le seelo sa lone sa go lema ditlhare di le 150 000 ka ngwaga.

Mo letsatsing leo, go ne ga lengwa ditlhare ka go farologana tsa maungo le tsa meriti di le 122 kwa Mosojane.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosojane, Rre Robert Morupisi o ne a gwetlha morafe go tsaya boikarabelo jotlhe jwa go tlhokomela ditlhare tseo le kwa di lemilweng teng.

A re ba tshwanetse ba itse fa tlhokomelo ya tsone e se mo maruding a komiti ya ditlhabololo tsa motse mme e le mo banning ba Mosojane, a tshepisa fa ba tlaa sala ba thulantsha ditlhogo go bona ka fa di tlaa nosediwang ka teng.

Rre Morupisi o ne a bo a kopa ba lephata la dikgwa go tswelela ka go ba ema nokeng le go ba neela dikgakololo fa go tlhokegang teng.  ENDS 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MOSOJANE

Event : KGOTLA MEETING

Date : 26 Mar 2023